Jump to content

Noka ya Corubal

Go tswa ko Wikipedia

Noka ya Corubal, e e itsegeng gape jaaka Rio Corubal kgotsa Tomine, ke noka ya Afrika Bophirima, e e leng karolo e kgolo ya Noka ya Geba. Mo sekgaleng se sekhutshwane, e dira molelwane wa boditšhabatšhaba fa gare ga Guinea le Guinea-Bissau. E boleele jwa dikilometara di le makgolo a matlhano le masome a marataro (350 mi).

Corubal e ne e le molelwane magareng ga Kaabu le Imamate ya Futa Jallon kwa bokhutlong jwa ngwagakgolo wa bo lesome le borobabobedi le kwa tshimologong ya ngwagakgolo wa bo lesome le borobabongwe.[1]

Ka nako ya Ntwa ya Bokolone ya Sepotokisi ka kgwedi ya Tlhakole ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a marataro le borobabongwe (1969), masole a Sepotokisi, fa a ne a ikgogela morago go tswa kwa mafelong a a kwa Madina do Boe, a ne a latlhegelwa ke masole a le masome a mane le bosupa ka ntlha ya go nwela fa mokoro wa bone o o neng o tletse thata o ne o fologela kwa thoko fa ba ne ba kgabaganya Corubal. Tiragalo eno e ne ya itsege jaaka Masetlapelo a Cheche.[2]

Tumelano ya porotokolo e e bidiwang "Corubal River Agreement" e ne ya saenwa ka kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le bongwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le borobabobedi (1978) kwa Conakry ke Rephaboliki ya Guinea le Rephaboliki ya Guinea Bissau go tlhabolola le go laola Noka ya Kaliba-Koribal; Noka ya Corubal e bidiwa gape Kaliba. "Organisation pour la Mise en Valeur du Fleuve Gambie" (OMVG) e e itsiweng gape jaaka "The Gambia River Basin Development Organization" le yone e ne ya dumelana go tlhomiwa go ithuta le go tlhabolola maano a tsamaiso ya diporojeke mo Nokeng ya Gambia, Noka ya Geba le Noka ya Corubal go tlhagisa motlakase, nosetso, go laola merwalela, go tsamaisa dikepe, boleng jwa metsi le mafaratlhatlha. [3][4]Tumalano e e lemogile gape gore kgaolo ya noka ya Corubal e ka nna 24000 km2 ka 17500 km2 (72.71%) kwa Guinea le 27.02% kwa Guinea Bissau.[5]OMVG e ithutile mafelo a le mane a a ka tlhabololwang jaaka diporojeke tsa motlakase wa metsi. Diporojeke tse ke, Sambangalou mo Nokeng ya Gambia, Diporojeke tsa Fello Sounga le Saltinho mo Nokeng ya Koliba/Corubal, le Porojeke ya Gaoual mo Nokeng ya Géba. Le fa go le jalo, tumelano e e akaretsang ga e na melawana epe e e maleba le ya thulaganyo e e laolang tirisano magareng ga Guinea le Guinea-Bissau. Ka jalo go akantshitswe gore go tshwanetse ga dirisiwa "Tumalano ya Ditšhaba tse di Kopaneng ya Molao wa Ditiriso tse e Seng tsa go Tsamaisa Ditsamaiso tsa Metsi tsa Boditšhabatšhaba" e e leng sedirisiwa sa lefatshe lotlhe, se se amogetsweng ka ngwaga wa sekete , makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le bosupa (1997), go rotloetsa tlhabololo e e lekalekanang le e e tsweletseng le tsamaiso ya dinoka tse di tlhakanetsweng ke dinaga tse pedi kgotsa go feta. Ka go dirisa ditlamelo tsa tumelano eno tumelano e e leng teng magareng ga dinaga tse pedi tsa lekadiba ka ga tlhabololo ya Noka ya Corubal e tla tlhoka go atolosiwa ka go dira ditlamelo tse di kgethegileng tsa "go itsise le go kaela tirisanommogo, mmogo le go neela komiti ya setegeniki kaelo ya semolao go diragatsa ditiro tsa yone botoka".[6]

  1. Mane, Mamadou. Le Kaabu (XIIIe-XIXe siècle), Une des grandes entités historiques de l’espace mandingue de Sénégambie. Retrieved 3 March 2026.
  2. "Desastre de Cheche: 'Dignificar morte' de antigos combatentes". CiênciaHoje. 2026. Archived from the original on 9 October 2025. Retrieved 14 June 2026
  3. Hydropolitical Vulnerability And Resilience Along International Waters: Africa. UNEP/Earthprint. 2005. pp. 92–. ISBN 978-92-807-2575-9. Retrieved 3 January 2013.
  4. Shlomi Dinar (2008). International Water Treaties: Negotiation and Cooperation Along Transboundary Rivers. Psychology Press. pp. 247–. ISBN 978-0-415-77208-2. Retrieved 3 January 2013
  5. "Appendix 1 International Freshwater Agreements, River Basin organizations, and River Basin Commissions of Africa" (PDF). Corubal. UNEP Africa. Archived from the original (pdf) on 10 January 2015. Retrieved 31 January 2013.
  6. "UN Watercourses Convention: Applicability And Relevance In West Africa" (pdf). International Water Law organization. Retrieved 31 January 2013