Noka ya Cuando
| Noka ya Cuando | |
|---|---|
Noka ya Chobe kwa Kasane | |
Kgampu ya Cuando | |
| Origin | Thaba ya Tembo |
| Mouth | Noka ya Zambezi |
| Basin countries | Angola Namibia Botswana Zambia |
| Location | Lutuai Angola |
| Length | 731 km (454 mi) |
| Source elevation | 1,359 m (4,459 ft) |
| Mouth elevation | 943 m (3,094 ft) |
Noka ya Cuando (kgotsa Kwando) ke noka e e kwa borwa-legare la Aforika e elela go ralala mokgatsha wa Angola le Namibia go tsena mo makgobokgobong a Linyanti kwa molelwaneng o o kwa bokone wa Botswana.[1] Kwa tlase ga makgobokgobo, noka e bidiwa noka ya Linyanti, kwa botlhaba e bidiwa noka ya Chobe,[2] pele ga e elelela mo nokeng ya Zambezi.
Motsamao wa yone
[fetola | Fetola Motswedi]


Noka ya Cuando e tlhatloga kwa legareng la Angola kwa mekgokoloseng ya thaba ya Tembo,[3] go tswa foo e elelela kwa borwa-botlhaba mo molelwaneng wa Zambia. Mo molelwaneng o o e elelela mo meseleng e e bophara jwa dikhilomithara di le tlhano go tsena di le lesome (mmepe wa ntlha:molelwane le Zambia kwa lotshitshing lo lo kwa botlhaba jwa kgampu, eseng mosele wa noka). Jaaka dinoka tse dingwe kwa legare la Aforika, go elela ga yone go farologana thata ka paka ya pula fa e tshologa ebile e ka nna bophara jwa dikhilomithara, le ka paka ya komelelo fa e nyelela.


Noka ya Cuando e tswelela mo moseleng o o ditsobotla go kgabaganya mosele wa Namibia (mmepe wa bobedi) e bo e dira molelwane gareng ga Namibia le Botswana jaaka e tswelela kwa borwa-botlhaba. Dingwaga di ka nna dikete di le lesome tse di fetileng, noka ya Cuando e ne e kopana le noka ya Okavango di elelela kwa borwa kwa letsheng la Makgadikgadi (kwa e leng makgobokgbo a a nnang teng ka dipaka dingwe gompieno[4]), mme lefatshe le le mo kgaolong eo le ne la tlhabololwa. Ka ntlha ya se jaanong noka ya Cuando e kopana go se kae le lefatshe le le kwa godimo (mmepe wa bone) e bo e kgaogana ka mesele le ditsobotlo (tse di bidiwang ditsobotlo tsa Linyanti) di na le ditlhaketlhake di le mmalwa, tse di lebegang e kare di nyelelela kwa metlhabeng ya Kalahari jaaka noka ya Okavango (mmepe wa botlhano). Mme e fapogela kwa botlhaba kwa e tsewang ke noka ya Zambezi. Kelelo ya yone e fapoga kwa botlhaba, e santse e le mo molelwaneng wa Botswana. Ka paka ya komelelo go na le mesele e le mmalwa e e butsweng mo makgobokgbong le ditsobotlo. Go simologa fa e itsege e le noka ya Linyanti (mmepe wa borataro), morago e elelela go kgabaganya letsha le le nnang ka dipaka dingwe la Liambesi (mmepe wa bosupa), e bidiwa Chobe (mmepe wa borobabobedi). Noka e tlaa bo e elelela kwa nokeng ya Zambezi kwa godimo ga kwa e neng e le maemelo a pantuni a Kazungula (mmepe wa borobabongwe), kwa jaanong e leng borogo jwa Kazungula.
Ka dingwaga tse noka ya Okavango e itemogelang pula e ntsi metsi a mangwe a tshelegela kwa botlhaba mo moseleng o gantsi o nnang o omeletse wa noka ya Magwekwana (kwa go itsegeng gape e le Selinda) go tsena mo ditsobotlong tsa Linyanti, e tsena kwa kgampung ya Zambezi. Selinda le noka ya Boteti ke tsone fela ditsela tsa go ntsha metsi kwa kgampung ya Okavango.
Kwa bokone jwa noka ya Chobe ke ditsobotlo tsa Caprivi, kwa lotshitshing lwa tsone ke toropokgolo ya batho ba Kololo ba ba fentseng Barotseland ka dingwaga di le didikadike di le lesome le borobabongwe e e senyegileng.
Metsi a mantsi a Cuando, Linyanti le Chobe a latlhega ka go tsewa ke phefo le letsatsi mo ditsobotlong tse di farologaneng mo go dirang gore metsi a yone a a elelelang kwa Zambezi a seka a nna mantsi kwa ntle ga ka dingwaga dingwe fa go le merwalela e mentsi.
Go kgaogana ga noka ga Selinda (kgotsa noka ya Magweggana) mo nokeng ya Cuando, go kopanya kgampu ya Kalahari le kgampu ya Zambezi.[5]
Diphologolo tsa naga
[fetola | Fetola Motswedi]Mafaratlhatlha a noka ya Cuando a lemogiwa ka diphologolo tsa naga, matshitshi a yone a sireleditswe e le mafelo a a nang diphologolo. Dingwe tsa tsone di bolaiwa ke batho ka nako ya dintwa kgotsa dikgogakgogano kwa Namibia le Angola, mme ka go busediwa ga kagiso mo mafatsheng ao go na le kgonagalo ya gore di boele mo mannong a pele.
Di park tse noka ya Cuando di fetang ka tsone kgotsa e le mo molelwaneng wa tsone ke:
- Coutada Publica do Luiana (Angola)
- Sioma Ngwezi National Park (Zambia)
- Bwabwata National Park (Namibia)
- Mudumu National Park (Namibia)
- Nkasa Rupara National Park (Namibia)
- Chobe National Park (Botswana)
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Afrique Centre et Sud, 1996
- ↑ Chisholm, Hugh, ed. (1911). "Chobe" . Encyclopædia Britannica (11th ed.). Cambridge University Press.
- ↑ R. Mepham, 1992
- ↑ C.M. Hogan, 2008
- ↑ Is this Harry and Meghan's honeymoon hotel? Archived 2020-06-12 at the Wayback Machine. The Telegraph. 29 may 2018.