Noka ya Dja
Noka ya Dja (e e itsiweng gape jaaka Noka ya Ngoko) ke noka e e mo bophirima-bogare jwa Afrika. Ke karolo ya molelwane wa Cameroon le Rephaboliki ya Congo mme e na le boleele jwa dikilometara di ka nna makgolo a supa le masome a mabedi . [1]

Go tlhatlogela borwabotlhaba jwa toropo ya Abong-Mbang kwa borwabotlhaba jwa Cameroon, Dja Faunal Reserve, e e neng ya rewa leina la UNESCO World Heritage Site ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le bosupa , e lebagane le mabopo a yone a a kwa godimo. [1]E sireletsa nngwe ya dikgaolo tse dikgolo tsa dikgwa tsa pula tsa boboatsatsi mo Afrika. [2] [1]Go bopa molelwane wa tlholego, le go dikaganyetsa lefelo la tshireletso ka botlalo (ntle le kwa borwa-bophirima), mafika a tsamaya go bapa le noka mo karolong ya borwa ya lefelo la tshireletso ka dikilometara di le masome a marataro mme a golaganngwa le karolo ya noka e e kgaogantsweng ke diphefo le diphororo.[ Go latela tsela ya yone mo lefelong le le sireleditsweng, Dja e elela go ya borwabotlhaba go feta Moloundou, fa tlase ga yone mekoro e mennye e ka tsamaya. Kwa Ouésso, kwa Repaboliking ya Congo, e tshologela mo nokeng ya Sangha. [1]
Ngwaga mongwe le mongwe, batsomi ba tsamaya ba tlhatlogela kwa Dja go ya kwa Nki National Park, kwa go nang le dinaka tsa tlou di le dintsi teng. [3] Mekhubu e e maatla mo nokeng e a kgoreletsa mo sephatlong sa ngwaga, mme morago ga moo, go ya ka mmegadikgang yo o ikemetseng Jemini Pandya, diphologolo tsa naga di ka tlhaselwa motlhofo.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 "Dja River". Encyclopædia Britannica. 2008. Retrieved 2008-09-04.
- ↑ "Dja Faunal Reserve". UNEP-WCMC Protected Areas Programme. Archived from the original on 2008-07-18. Retrieved 2008-09-05.
- 1 2 "Cameroon's Two New National Parks Shelter Forests, Wildlife". Environment News Service. 2005-10-17. Retrieved 2008-08-28.