Jump to content

Noka ya Djedi

Go tswa ko Wikipedia
Noka ya Djedi
MouthChott Melrhir
Basin countriesAlgeria
LocationDithaba tsa Sahara Atlas
Length480 km (300 mi)
Source elevation−40 m (−130 ft)

Noka ya Djedi, e gape e bidiwang noka ya Djeddi, Oued Djedi kgotsa Ouad-ed-Djedi ke noka e e seng ya sennela ruri kwa Algeria, gape e le nngwe ya dinoka tse ditona mo Sahara. E simologa kwa dithabeng tsa Sahara Atlas, kwa dimithareng di le sekete le makgolo a mane kwa godimo, e elela dikhilomithara di le makgolo a mane le masoem a robabobedi go tswa kwa bophirma go ya botlhaba, e tshela kwa letsheng la Chott Melhr dimithara di le masome mane kwa tlase ga seelo sa lewatle, kwa e leng kwa tlase thata kwa Algeria.[1] E tshelwa ke dipula le kapoko e e gakologileng, e nna e tshela fela ka dinako tsotlhe kw godimo ga yone. Noka e tlhatloga mo mekgokoloseng e e kwa borwa jwa Djebel Amour, gaufi le toropo ya Aflou, e nosetsa ditlhare tsa palm di le dintsi tse di ikaegileng ka metsi a; metsi gape a tsewa mo didibeng di le mmalwa tse di epilweng gaufi le noka.[2] ka paka ya pula ka mariga, letsha le kwa tlase ga noka go a kgala.[3][4] Noka e dikhilomithara di le mmalwa ka bophara, mme matshitshi a yone ga se gantsi a apesitswe ke metsi. Moalo wa noka o na le gypsum le seretse e supa matlhasedi a kgothego e e amanngwang le go farologanan ga kelelo ya metsi. Le ntswa mmu o o mo teng le go dikologa noka o lebega o ka dirisediwa temo, ga o a nona ka ntlha ya go nna teng mo go ntsi ga letswai. Ka lone lebaka leo, mmu o gopa monyo o montsi bosigo o o dirang gore o nne metsi bontlha bongwe motshegare.[5]

Noka e na le metswedi e le mmalwa ya dinoka, di akaretsa Bedjran, Bicha, Mlili, Msaad le Mzi, tsotlhe tse di elelang go tswa molemeng go sena epe e e tsamaegang.[6] Noka ya Djedi e elela gaufi le toropo ya Laghouat 9palo ya batho ba le dikete di le lekgolo, masome a mabedi le botlhano) le toropo ya Sidi Khaled (palo ya batho ba le dikete di le masome a mane) e kwa lotshitshing lo lo kwa molemeng (kwa bokone).[7] Leina la noka go akanngwa le tswa mo ditemeng tsa Berber Irzer Idjdi go rayanoka ya motlhaba, le le fetogileng go nna la se Arabea la Ouad Djedi (le raya noka ya podi).[8]

  1. Annales des mines: Mémoires, Cadrilian-Gœury et Vor. Dalmont, 1880 pp. 154, 159, 172
  2. Oued Djedi (or Djeddi) Archived October 12, 2012, at the Wayback Machine
  3. Jean-Louis Ballais. Des oueds mythiques aux rivières artificielles: l'hydrographie du Bas-Sahara algérien (in French). pp. 107–127.
  4. The Annals and Magazine of Natural History: Including Zoology, Botany, and Geology, Taylor and Francis, Ltd., 1871 p. 377
  5. Henry Woodward Geological Magazine, Volume 1, Cambridge University Press., 1864, p. 28
  6. William Austin Cannon (1913) Botanical features of the Algerian Sahara, Carnegie Institution of Washington
  7. Hizia a nomadic homeland Archived January 31, 2011, at the Wayback Machine
  8. John Reynell Morell (1984) Algeria: the topography and history, political, social and natural of French Africa ISBN 1-85077-017-4 (search for Ouad-ed-Djedi