Noka ya Donga

Noka ya Donga ke noka e e kwa Nigeria le Cameroon. Noka e, e e tlhagang kwa Mambilla Plateau kwa botlhaba jwa Nigeria, e dira bontlha jwa molelwane wa mafatshefatshe gareng ga Nigeria le Cameroon, e elelela kwa bokone-bophirima go kopana le noka ya Benue kwa Nigeria.[1] Lefelo la noka ya Donga le dikhilomithara di le dikete di le masome mabedi ka bophara. Kwa e tshelang teng, gaufi le noka ya Benue noka e tshela metsi a dimithara di le sekete, makgolo a robabobedi ka sephatlo sa motsotso.[2]

Kwa kgaolong ya Taraba, kwa Nigeria, go na le dikgwa tse di sireleditsweng di le tharo, Baissa, Amboi le noka ya Bissaula, kwa kgampung ya noka ya Donga. Di mo mekgokoloseng kwa tlase ga Mambilla Plateau, kwa borwa-bophirima jwa Gashaka Gumti National Park.[3]
Kgotlhelesego
[fetola | Fetola Motswedi]Dipatlisiso di supa fa di bolaya diji e ne e le tsone dikgotlheledi tse ditona kwa nokeng ya Donga.[4][5]
Seemo sa loapi
[fetola | Fetola Motswedi]Bothitho jwa ngwaga le ngwaga bo ka nna masome a mararo leboraro mme go nna le serame se sentsi ka Firikgong le pula e ntsi ka Phatwe. Seelo sa pula ke 40.35% ka bongola jwa 54.98&. Go nna go le bothitho thata ka Mopitlo ka mogote wa 40.44, le phefo ya dikhilomithara di robabobedi ka oura.[6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "The Donga River is a river in Nigeria and Cameroon. The river arises from the Mambilla Plateau in Eastern Nigeria, forms part of the international border betwee…".
- ↑ Inger Andersen; Ousmane Dione; Martha Jarosewich-Holder; Jean-Claude Olivry (2005). "The Niger River Basin: A Vision for Sustainable Management" (PDF). World Bank. Retrieved 2026-06-22
- ↑ "Donga river basin forests". BirdLife International. Retrieved 2026-06-22
- ↑ "Determination of Organic Pollutants In Water Samples From River Donga, Taraba State, Nigeria".
- ↑ Eyiseh, Tukura Echuano. "Determination of heavy metals concentration in water and sediment of river donga, Taraba state" (PDF). International Journal of Fisheries and Aquatic Studies. 10 (5): 12 – via fisheriesjournal.
- ↑ "Donga Climate, Weather By Month, Average Temperature (Nigeria) - Weather Spark". weatherspark.com. Retrieved 2026-06-22