Noka ya Draa

Noka ya Draa (Arabic; gape e bidiwa Dra kgotsa Drâa, mo metsweding ya bogologolo e bidiwa Darha kgotsa Dara) ke noka e telele go di feta tsotlhe kwa Morocco, e e boleele jwa dikilometara di le 1,100 (680 mi). E bopilwe ke go kopana ga Noka ya Dadès le Noka ya Imini. E elela go tswa kwa dithabeng tsa High Atlas, kwa tshimologong e ya kwa borwabotlhaba go ya kwa Tagounite, mme go tswa kwa Tagounite bontsi jwa yone e elela go ya kwa bophirima go ya kwa molomong wa yone kwa Lewatleng la Atlantic bokone jwa Tan-Tan. Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le bongwe, letamo la (El) Mansour Eddahabi le ne la agiwa go direla motsemoshate wa kgaolo ya Ouarzazate le go laola go elela ga Draa. Bontsi jwa ngwaga karolo ya noka ya Draa e e kwa morago ga Tagounite e a kgala.
Mo sephatlong sa ntlha sa lekgolo la bo masome a mabedi la dingwaga, karolo e e kwa tlase ya noka ya Draa e ne e le molelwane fa gare ga naga e e neng e laolwa ke Fora ya Morocco le kgaolo e e neng e laolwa ke Spain.
Mo mokgatšheng go na le mekgabiso ya Fezouata, e e leng mofuta wa Burgess shale deposits e e simolotseng ka Lower Ordovician, e tlatsa letlhabaphefo le le botlhokwa la tshomarelo magareng ga lagerstätten e e tlwaelegileng ya Cambrian le Late Ordovician Soom shale.[1] Mo diphologolong tse di epolotsweng go ne go na le ditshedi tse dintsi tse pele go neng go akanngwa gore di nyeletse morago ga bogare jwa motlha wa Cambrian. [1]
Metlha ya pele ga Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Batho ba ne ba nna mo mokgatšheng wa Draa le dithaba tse di bapileng le one go tloga ka nako ya Lower Paleolithic, jaaka go supilwe ke didirisiwa tsa Oldowan le tsa Acheulean tse di fitlhetsweng gaufi le Tamegroute. Mafelo a Paleolithiki ya Bogare a aname thata. [2]
Botaki jwa matlapa jwa motlha wa Neolithic bo ka fitlhelwa go ralala mogogoro wa Draa, bo bontsha ditshwantsho tsa go tsoma mmogo le dikgomo tse di ruilweng. [3] Nako ya ditiragalo tsa mafelo ano ga e a tlhomama, mme e ka nna ya bo e le ya mileniamo wa boraro B.C.E. [4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Van Roy, P.; Orr, P. J.; Botting, J. P.; Muir, L. A.; Vinther, J.; Lefebvre, B.; Hariri, K. E.; Briggs, D. E. G. (2010). "Ordovician faunas of Burgess Shale type". Nature. 465 (7295): 215–8. Bibcode:2010Natur.465..215V. doi:10.1038/nature09038. PMID 20463737. S2CID 4313285. Archived from the original on 2024-02-25. Retrieved 2024-02-24.
- ↑ Mattingly, David J.; Bokbot, Youssef; Sterry, Martin; Cuénod, Aurelie; Fenwick, Corisande; Gatto, Maria Carmela; Ray, Nick; Rayne, Louise; Janin, Katrien; Lamb, Andrew; Mugnai, Niccoló; Nikolaus, Julia (2017). "Long-term History in a Moroccan Oasis Zone: The Middle Draa Project 2015". Journal of African Archaeology. 15 (2): 149. doi:10.1163/21915784-12340009. hdl:2381/42893. ISSN 1612-1651. Archived from the original on 21 May 2024. Retrieved 7 February 2024.
- ↑ Searight, Susan (2001). The Prehistoric rock art of Morocco (PhD thesis). p. 245. Archived from the original on 7 February 2024. Retrieved 7 February 2024.
- ↑ Searight 2001, p. 189.