Noka ya Fish (Namibia)
| Noka ya Fish (Namibia) | |
|---|---|
Noka ya Fish ka Phatwe ka mariga | |
Kgampu ya noka ya Fish | |
| Mouth | Noka ya Orange |
| Basin countries | Namibia |
| Location | Go bapa le Mariental |
| Length | 650 km (400 mi) |
Noka ya Fish (visriver ka teme ya Afrikaans, Fischfluss ka teme ya sejeremane) ke noka e e kwa Namibia. E boleele jwa dikhilomithara di le makgolo a marataro le masome a matlhano, e elela go tswa kwa dithabeng ga Naukluft[1] dikhilomithara di le lekgolo le masome a matlhano go tswa kwa letamong la Hardap gaufi le Mariental. Go tswa foo kelelo e kganetswe gotlhelele,[1] kelelo go ya kwa tlase e etswang kwa metsweding ya letamo. Go elela ga noka go laolwa ke dipaka; ka mariga noka e ka omelela gotlhelele. Noka ke lefelo la mekgatsha ya noka ya Fish, mekgatsha e metona go fetisa yotlhe mo Aforika e e boleele jwa dikhilomithara di le lekgolo le masome a marataro, ko dintlheng tse dingwe e boteng jwa dimithara di le makgolo a matlhano le masome a matlhano.
Go elela ga noka ya Fish go kopana le noka ya Orange kwa molelwaneng le lefatshe la Aforika Borwa dikhilomithara di ka nna lekgolo go tswa kwa lewatleng la Atlantic.
Ditshwantsho
[fetola | Fetola Motswedi]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Fish River Canyon". Archived from the original on 2019-04-08.