Noka ya Insiza
Noka ya Insiza ke nngwe ya dinoka tse dikgolo tse di tsenang mo nokeng ya Mzingwane kwa lefatsheng la Zimbabwe.

E tlhoga gaufi le Fort Rixon, mo Kgaolong ya Insiza, mme e elela mo Nokeng ya Mzingwane gaufi le West Nicholson.
Thekenoloji ya metsi
[fetola | Fetola Motswedi]Metsi a a kwa godimo a Insiza a a nyelela fela, mme fa tlase ga Letamo la Silalabuhwa, noka e elela ka peditharong ya ngwaga.[1]
Dinoka tse dikgolo tse di tsenang mo nokeng ya Insiza di akaretsa noka ya Inkankezi le ya Siwaze.
Ditoropo, ditoropo le metse e e fa thoko ga noka
[fetola | Fetola Motswedi]Metse e e fa tlase e rulagantswe go tloga kwa noka e simololang teng go ya kwa e felelang teng:
- Motse wa Fort Rixon
- Motse wa Filabusi
Marogo le dikgogedi
[fetola | Fetola Motswedi]Borogo jwa Croft mo Nokeng ya Insiza gaufi le Filabusi.
Go na le marogo a le manè a magolo mo nokeng ya Insiza:
- Borogo jo bo mo tseleng e kgolo ya Mbalabala - Masvingo, gaufi le Filabusi.
- Borogo jo bo mo tseleng ya Filabusi - Mataga .
- Borogo jwa Filabusi - West Nicholson Road .
- Borogo jwa Croft, mo tseleng e e tswang kwa Filabusi e ya kwa moepong wa Croft.
Gape go na le mafelo a le mmalwa a go kgabaganya, go akaretsa:
- Ponto ya Ekusileni (bona setshwantsho se se kwa godimo ga tsebe).
Tlhabololo
[fetola | Fetola Motswedi]Letamo la Silalabuhwa.
Mo godimo ga matamo a mannye a le mmalwa, go na le matamo a le manè mo Nokeng ya Insiza:
- Letamo la Upper Insiza, gaufi le Fort Rixon, le agilwe ka ngwaga wa sekete , makgolo a robabongwe le masome a marataro le bosupa (1967) ka bokgoni jwa go tlamela ka 8,829 MCM (dimilione tsa dikhubiki metara).
- Letamo la Insiza, le le neng le itsege pele jaaka Letamo la Mayfair le Letsha la Cunningham, le agilwe ka sekete , le makgolo a robabongwe le masome a supa le boraro (1973), le na le bokgoni jwa go tlamela ka 173,491 MCM. E tlamela motse wa Bulawayo ka metsi.
- Letamo la Pangani, gaufi le Filabusi, le le agilweng go tlamela moepo wa Pangani ka metsi (o jaanong o tswetsweng mme e le lefelo la setheo sa thapiso sa basha.
- Letamo la Silalabuhwa, le le agilweng ka ngwaga wa sekete , le makgolo a robabongwe le masome a marataro le borataro (1966), le le nang le bokgoni jwa go tlamela ka metsi jwa 23,454 MCM. E gaufi le motswedi wa Noka ya Mzingwane mme e tlamela metsi a nosetso go Silalatshani Irrigation Scheme [2]le Colleen Bawn.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Kileshye-Onema, J.-M., Mazvimavi, D., Love, D. and Mul, M.L. 2006. Effects of selected dams on river flows of Insiza River, Zimbabwe . Physics and Chemistry of the Earth, 31, 870–875. [1]
- ↑ Moyo, M.; van Rooyen, A.; Moyo, M.; Chivenge, P.; Bjornlund, H. (2017). "Irrigation development in Zimbabwe: understanding productivity barriers and opportunities at Mkoba and Silalatshani irrigation schemes". International Journal of Water Resources Development. 33 (5): 740–754. doi:10.1080/07900627.2016.1175339. hdl:10568/96629.
- ↑ Chibi, T., Kandori, C. and Makone, B.F. 2005. Mzingwane Catchment Outline Plan. Zimbabwe National Water Authority, Bulawayo