Jump to content

Noka ya Kafu

Go tswa ko Wikipedia

Noka ya Kafu ke noka ya kwa lefatsheng la Uganda, mo Afrika Botlhaba. Mo dimmapeng dingwe tsa bogologolo, noka eno e bidiwa Noka ya Kabi.

Noka ya Kafu e kwa karolong e e kwa bophirima jwa Uganda. E simologa mo mogobeng o o ka nnang 12 kilometres (7.5 mi), bokone botlhaba jwa motse wa Kitoma, mo Kgaolong ya Kibaale, Bophirima jwa lefatshe la Uganda[1]. E elela kwa botlhaba kwa tshimologong, e bo e retologela kwa bokone, go ya go wela mo Nokeng ya Victoria, e e ka nnang dikilometara di le 8 (5.0 mi), kwa godimo ga toropo ya Masindi Port, kwa Masindi District, gape kwa Bophirima jwa Uganda.

Motswedi wa Noka ya Kafu o gaufi le Kitoma, ka di-coordinate: Latitude:1.1500; Longitude:31.0820.[2]Noka ya Kafu e tsena mo Victoria Nile gaufi le Masindi Port, ka di-coordinate: Latitude:1.6475; Longitude:32.0945.[3]Noka eno e elela go ya kwa botlhaba, bokone botlhaba le bokone, e kgabaganya kgotsa e dira melelwane ya dikgaolo tse di latelang: Kgaolo ya Kibaale, Kgaolo ya Hoima, Kgaolo ya Kyankwanzi, Kgaolo ya Nakaseke, Kgaolo ya Nakasongola le Kgaolo ya Masindi.

Kakaretso

[fetola | Fetola Motswedi]

Seretse se Noka ya Kafu e simologang mo go sone, le sone se kgabaganngwa ke noka e nngwe e e bidiwang Noka ya Nkusi. Noka ya Nkusi, le fa go ntse jalo, e tlhoga kwa lefelong le lengwe mme e ralala seretse se go buiwang ka sone mme e elela go ya kwa bophirima go ya go wela mo Letsheng la Albert, go bapa le molelwane wa boditšhabatšhaba magareng ga Uganda le Democratic Republic of the Congo. Kwa motsweding wa yone, Noka ya Kafu e bogodimo jwa dimetara di ka nna sekete le lesome lekgolo. Fa e tsena mo Nokeng ya Nile, bogodimo jwa yone bo ka nna dimetara di le sekete le masome a mane.

Boleele jwa Noka ya Kafu ke dikilometara di ka nna lekgolo le masome a marataro go tloga kwa e simololang go fitlha kwa e felelang teng.[4]

  1. Wayland, E. J. (1934). "Rifts, Rivers, Rains and Early Man in Uganda". The Journal of the Royal Anthropological Institute of Great Britain and Ireland. 64: 333–352. doi:10.2307/2843813. ISSN 0307-3114
  2. Location of Source of River Kafu At Google Maps
  3. Location of End of River Kafu At Google Maps
  4. Map Showing Kitoma And Masindi Port With Distance Marker