Noka ya Kafue
NOKA YA KAFUE
Noka ya Kafue, e e boleele jwa dikhilomitara di le 1576 (979 mi), ke noka e telele go di gaisa tsotlhe tse di mo gare ga lefatshe la Zambia fela. Metsi a yone a dirisiwa go nosetsa dijalo le go fetla motlakase. Ke lebala le legolo go gaisa otlhe la noka ya Zambezi mme e bile ke noka ya botlhokwa thata mo ditoropong tsa Zambia. Palo e e fetang sephato (50%) sa banni ba Zambia ba nna mo tikologomg ya nako eno mme mo go bone, ba le ka nna 65% ba nna mo ditoropong.
Nako eno e na le selekanyo sa metsi se se elelang ka dimitara tse di dikatara di le 320 ka motsorswana mo karolong ya yone e e kwa tlase. Noka ya Kafue e tsholelela selekanyo sa dikhilomitara tse di dikatara di le 10 tsa metsi mo nokeng ya Zambezi ngwaga le ngwaga.
Tshimologo
Noka ya Kafue e simologa mo bogodimomg jwa dimitara di le 1350 (4430 ft) molefelong le le papatlego gaufi le molelwane wa Zambia le lefatshe la Democratic Replubic of Congo, dikhilomitara di le 120 kwa bokone-bophirima jwa toropo ya Chingola mo kgaolong ya Copperbelt. Tshimologo ya noka eno e mo kgaolong ya Bokone-bophirima jwa Zambia. Lefelo leno ke sekgwa sa Mlombo mo molatswaneng wa Congo-Zambezi. 
Noka e simologa e le mokorwana o monnye go tswa mo makgobokgobong a a ratiwang (Munyanshi Swamp ke lekala la yone). Eelela ka bonya e leba kwa borwa-botlhaba. Tikologo eno e amogela pula e e ka nnang dibilinitara di le 1200 (47 in) ka nako ya dipula. Mokero wa noka p tloga o gola go nna bophara jwa dimitara di le 100. 
Copperbelt
Pele noka e goroga mo ditoropong tsa Copperbelt, e a kgaogana mme bophara jwa yone bo fokotsege go nna dimitara di le 30 - 40. E elela gaufi le ditoropo tsa Copperbelt e leng Chililabombwe, Chingola le Mufulira, le go feta mo mathokong a toropo ya Kitwe. Lefelo le le itsegeng la boitshoko la Hippo Pool kwa bokone jwa Chingola le sireleletswa e le sefikantswe sa bosetshaba.
Mo kgaolong ya Copperbelt, metsi a tsewa mo nokeng go nosetswa dipolasi tse dinnye le ditshingwana tsa nerogo. Kwa Kitwe, noka e fetola tsela ya yone go leba kwa borwa-bophirima.
Makgobokgobo a Lukanga
Noka e boela gape e iphaphata a ditsela tse di farologaneng mo lefelong la makgobokgobo, le le nang le matsha a oxbow le matlhaka. E elela dikhilomitara di le 20 kwa bophirima jwa karolo e e nnang e na le metsi ya Lukanga Swamp. Ka nako ya dipula, lefelo leno lotlhe le a khurumelwa ke metsi mme bophara kwa makgobokgobo bo fete dikhilomitara tse di le 6000km. Leno ke kgaolo ya ntlha mo go tse tharo tse di phelang diphologolo tsa naga gaufi le noka.
| Kafue | |
|---|---|
| Mouth | Zambezi |
| Length | 1,576 km (979 mi) |
| Mouth elevation | 410 m (1,350 ft) |
| River system | Zambezi |