Noka ya Kalambo
Noka ya Kalambo ke karolo ya molelwane magareng ga lefatshe la Zambia le lefatshe la Tanzania. Ke molatswana o monnye o o tlhatlogang kwa Ufipa Plateau kwa Rukwa Region, Tanzania kwa bokone-botlhaba jwa Mbala kwa bogodimong jwa dimetara di le sekete le makgolo a robabobedi (5,900 ft) mme o fologela kwa Albertine Rift, o tsena kwa ntlheng ya borwa-botlhaba jwa Letsha la Tanganyika kwa bogodimong jwa dimetara di ka nna makgolo a supa le masome a supa (2,530 ft), mo sekgaleng sa dikilometara di le masome a matlhano (31 mi).[1] Seno ke sone se dirang gore e itsege thata, e leng diphororo tsa yone, Kalambo Falls, e e leng diphororo tsa bobedi tse di kwa godimo mo Afrika (morago ga diphororo tsa Tugela tsa Afrika Borwa). Ka fa tlase ga diphororo, noka e elela mo mokgatšheng o o boteng. [2]

Lefelo le noka eno e leng mo go lone le na le mafelo a botlhokwa a thutamarope.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ UNESCO, World Heritage Centre, Kalambo falls archaeological site (prehistoric settlement site), 11/06/1997.
- ↑ "Forestry." Encyclopædia Britannica. 2006. Encyclopædia Britannica Online. 17 June 2006 <http://search.eb.com/eb/article-26182>.