Jump to content

Noka ya Konkouré

Go tswa ko Wikipedia

Noka ya Konkouré e tlhoga kwa bophirima-bogare jwa lefatshe la Guinea mme e elelela kwa Lewatleng la Atlantic.[1] Matamo a le mmalwa a a mo nokeng eno a naya naga eno motlakase o montsi.

Dipopego tsa lefatshe

[fetola | Fetola Motswedi]

Noka e e simologa kwa kgaolong ya dithaba ya Futa Jallon mme e elela kwa bophirima 303 km (188 mi) go ya kwa Lewatleng la Atlantic kwa bokone jwa Baie de Sangareya (Sangareya Bay)[1] kwa 9°46'N, 14°19'W.[2] Noka ya Kakrima ke nngwe ya dinoka tse dikgolo tse di elelang mo go yone.[2] Noka ya delta e na le bogolo jwa 320 km2 (120 sq mi).[3] Dikepe tsa go fitlha go 3 m (9.8 ft) draft di ka tsamaya go ya kwa godimo go ya kwa Konkouré; kwa ntle ga ntlha eo, go na le diphefo.[4]

Noka eno e e kwa godimo e elela mo godimo ga mmu o o nang le matlapa a magolo le diphororo tse dintsi, mme seno se dira gore e se ka ya siamela go tsamaisiwa ke dikepe, le fa gone e siametse go fetlha motlakase.[5] Noka e e kwa tlase ke noka e e sa boteng, e e bopegileng jaaka thanele, e e nang le ditlhatshana tsa mangrove, e e laolwang ke makhubu. Dipolase tsa raese di tlhomilwe mo mafelong a di-mangrove tsa delta "ka katlego e e rileng".[6]

Diphologolo tsa naga

[fetola | Fetola Motswedi]

Noka eno ke legae la mefuta e le 96 ya ditlhapi tsa metsi a a foreshe.[7]

Metsi a noka, mmogo le karolo ya Kgogometso ya Sangareya le molomo wa dinoka tsa Konkouré le Bouramaya, di ne tsa tlhophiwa go nna lefelo le le botlhokwa la dinonyane (IBA) ke BirdLife International ka gonne e tshegetsa palo e kgolo ya dinonyane tsa western reef egrets, pied avocets le redshanks. E na le diheketara di le 28 000 tsa di-mangroves, mafelo a a tletseng seretse, mafelo a a tletseng motlhaba le masimo a reise. Di-manatee tsa Aforika di fitlhelwa mo ditlhareng tsa mangrove le di-dolphin tse di tlwaelegileng tsa bottlenose mo mogogorong.[8]

Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borobabongwe (1999), Letamo la Garafiri le ne la bulwa ka tlhwatlhwa ya $221 million; le kgona go tlhagisa 75 megawatts (101,000 hp) ya motlakase. [1]Go agiwa ga letamo la motlakase wa metsi la 240-megawatt (320,000 hp) mo nokeng gaufi le Kaleta, Kaleta Hydropower Plant, le ne la wediwa ka kgwedi ya Seetebosigo ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le botlhano (2015) mme la tsenngwa tirisong ka kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi le boroaobedi ka tlhwatlhwa ya $526 million; [9]letamo le le boleele jwa dimetara di le 1,545 (5,069 ft) le dikilometara di ka nna 120 (75 mi)[10] kgotsa dikilometara di le 85 (137 km) [9]kwa bokone jwa motsemoshate wa Conakry. [10]

Ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le botlhano (2015), puso e ne ya dira konteraka le ditlamo tsa China go simolola go aga letamo la 550-megawatt (740,000 hp) (Souapiti Hydropower Station), gaufi le Souapiti, dikilometara tse di ka nnang 2 (1.2 mi) go ya kwa godimo ga noka,[10] e e neng e ka nna ya atisa go ntsha motlakase ga gabedi kwa Guinea ka tlhotlhwa e e fopholediwang ya $2 billion.[11]Le fa go ntse jalo, seno se ne se tla tlhoka gore batho ba le 15 000 ba fuduge mo lefelong le le neng le tla nna lebala la morwalela.[10]

  1. 1 2 3 Camara, Mohamed Saliou; O'Toole, Thomas; Baker, Janice E. (7 November 2013). Historical Dictionary of Guinea. Scarecrow Press. pp. 195–196. ISBN 9780810879690. Retrieved 22 November 2016.
  2. 1 2 "Source book for the inland fishery resources of Africa Vol. 2: Country Files (Contd.): Guinea". Food and Agriculture Organization
  3. Wolanski, Eric; Cassagne, Bernard (February 2000). "Salinity intrusion and rice farming in the mangrove-fringed Konkoure River delta, Guinea". Wetlands Ecology and Management. 8 (1): 29–36. Bibcode:2000WetEM...8...29W. doi:10.1023/A:1008470005880.
  4. National Geospatial-Intelligence Agency (1 October 2009). NGA Sailing Directions-Enroute: 2008 West Coast of Europe and Northwest Africa (11th ed.). ProStar Publications. p. 240. ISBN 9781577858850.
  5. Capo, Sylvain; Sottolichio, Aldo; Brenon, I.; Ferry, Luc (May 2006). "Morphology, hydrography and sediment dynamics in a mangrove estuary: The Konkoure Estuary, Guinea". Marine Geology. 230 (3–4): 199–215. Bibcode:2006MGeol.230..199C. doi:10.1016/j.margeo.2006.05.003.
  6. Saenger, Peter (29 June 2013). Mangrove Ecology, Silviculture and Conservation. Springer Science & Business Media. pp. 290–291. ISBN 9789401599627.
  7. Smith, Kevin G.; et al. (2009). The Status and Distribution of Freshwater Biodiversity in Western Africa. IUCN. p. 22. ISBN 9782831711638.
  8. "Konkouré". BirdLife Data Zone. BirdLife International. 2024. Retrieved 2024-11-02
  9. 1 2 Poindexter, Gregory B. (1 October 2015). "Guinea increases generating capacity with US$526 million 240-MW Kaleta hydroelectric facility". HydroWorld.
  10. 1 2 3 4 Wild, Franz; Camara, Ougna (14 September 2015). "China's CWE in Talks to Build $2 Billion Dam in Guinea". Bloomberg News.
  11. Elizabeth Ingram (23 September 2015). "Guinea considering Chinese partner to build 550-MW Souapiti hydro". HydroWorld magazine. Retrieved 19 April 2016. Souapiti, on the Konkoure River, is expected to cost about $2 billion, and its completion would almost double the country's electricity generation output.