Jump to content

Noka ya Kouilou-Niari

Go tswa ko Wikipedia

Noka ya Kouilou-Niari e e bidiwang Kwilu, Kwila, kgotsa Kwil ke noka e e botlhokwa thata e e elelang kwa Lewatleng la Atlantic kwa lobopong lwa Republic of Congo. Mo godimo ga moo, kgaolo yotlhe e e nang le metsi e mo Repaboliking ya Congo.

Lefelo le tikologo e leng mo go lone

[fetola | Fetola Motswedi]

Noka eno e bidiwa Noka ya Kouilou fa e ntse e elela mo kgaolong ya Kouilou e e gaufi le lotshitshi go tswa mo mekgatšheng ya Sounda. Noka eno e bidiwa Noka ya Niari mme e elela go ralala Mokgatšha wa Niari. Noka eno e kopana le dinoka tsa Louessé, Loudima le Bouenza mme kgabagare e elela mo Lewatleng la Atlantic. E akaretsa dikilometara tse di ka nnang makgolo a matlhano le masome a marataro go tswa kwa e simololang teng kwa Batéké Plateau ya Congo go ya kwa molomong wa yone kwa lotshitshing. Sebaka se se kwa tlase sa Kouilou se tlhophilwe go nna lefelo le le botlhokwa la dinonyane (IBA) ke BirdLife International ka gonne e tshegetsa palo e e botlhokwa ya mefuta e mentsi ya dinonyane.[1]

Tsa Metsi

[fetola | Fetola Motswedi]

Noka eno e na le diphororo tse dintsi mme ga e kgone go feta go tswa mo molomong wa yone, o go leng thata go o tsena ka ntlha ya mafelo a le mantsi a a nang le motlhaba, a a bopilweng segolobogolo ke go dira ga molapo wa Benguela. Noka eno e ka dirisiwa mme dikepe di tla Kakamoéka. Go tswa kwa Kakamoéka go ya kwa Sounda, go na le makhubu le maje a a kgoreletsang batho go tsena mo lefelong leno segolobogolo ka paka ya komelelo. Go na le pharakano e e lekanyeditsweng thata kwa godimo ga noka ya Sounda ka gonne go na le makhubu le marogo a le mmalwa. Go na le marogo mo nokeng eno kwa Bas-Kouilou, Sounda, Kimbangou, Makabana, Loudima le Bouenza.

Karolo ya Kouilou e sephaphathi ka selekanyo sa metsi se se tlhatlogang dimetara di le lesome le borataro fela mo godimo ga lewatle mo dikilometareng tsa ntlha di le masome a supa . Mo kgaolong ya Kimbangou, metsi a fitlha mo e ka nnang dimetara di le masome a marataro kwa godimo ga lewatle mme a fitlha go dimetara di le lekgolo le lesome le botlhano kwa kgaolong ya Loudima.

Diphororo tsa metsi

[fetola | Fetola Motswedi]

Zrinski chutes: E tlotlomatsa Nikola Zrinski le Petar Zrinski, batlotlegi ba Croatia ba lelapa la Zrinski; "ba ribolotswe" mme ba rewa leina ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabobedi le masome a robabobedi le bobedi 1882 ke Dragutin Lerman, leloko la Croatia la leeto la ga Henry Morton Stanley. Ka maswabi, maina a mafelo ano le kitso e e leng teng ka one ga e a tsewa tsia fa go tewa maina a mafelo ano.

Dithota tsa Sounda. Mekgokolosa eno e tlhomologile ka lerothodi le lennye la metsi le le boleele jwa dimetara di le pedi le thaba e e bogodimo jwa dimetara di ka nna lekgolo le masome a mabedi . Borogo jwa bogologolo jwa tshipi bo santse bo ka dirisiwa ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bobedi (2012) go kgabaganya noka kwa Sounda. Tsela e tswa kwa motseng wa Mandzi kwa borwa jwa Sounda fa tsela e tswelela kwa bokone bophirima go ya Kakamoéka, mo kgaolong ya kwa tlase. Tsela e e tlogetsweng mo lotshitshing lo lo kafa borwa lwa noka e fitlha kwa Kakamoéka e e neng ya agiwa ka nako ya go batlisisa ka terena. Thomo ya ga Jacob [2]e ne ya dirwa ka ngwaga wa sekete , makgolo a robabobedi le masome a robabongwe le borataro (1896). Seporo se ne sa bulwa gape ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a matlhano le bone (1954) go sekaseka bokgoni jwa metsi a letamo la Sounda.[3]

  1. "Lower Kouilou basin". BirdLife Data Zone. BirdLife International. 2024. Retrieved 2024-12-04.
  2. ""French national library"". Archived from the original on 2008-04-06. Retrieved 2021-09-25.
  3. "Institut de recherche et de developpement". Archived from the original on 2021-04-22. Retrieved 2013-07-13.