Jump to content

Noka ya Kwenge

Go tswa ko Wikipedia
Noka ya Kwenge kwa Kasai

Noka ya Kwenge (ka teme ya seFora:Riviere Kwenge) ke molatswana o kwa kgwaolong ya Bandundu kwa Democratic Republic of the Congo.

Noka e simologa kwa Angola, dikhilomithara di le thataro e tlhama bontlha jo bokhutshwane jwa molelwane wa Angola-DRC.[1] E elelela kwa bokone go tswa kwa molelwaneng wa Angola e kgabaganya Kwango le Kwilu, e kopana le noka ya Kwilu kwa tlase ga Kikwit. [2]Lusanga, kwa pele e neng e le Leverville, ke kwa bokopanong jwa noka ya Kwenge le Kwilu.[3]

Lefatshe le le fa gare ga dinoka tsa Kwilu le Kwenge pele le ne le nniwa ke batho ba Pende.[4] Batho ba Suku ba ba tsileng mo kgaolong e o go tswa kwa nokeng ya Kwango ka dingwaga tsa 1800, ba nna kwa kgaolong e e fa gare ga dinoka tsa Bakali le Kwenge.[5] Mokgatsha wa noka kwa tlase o na le mekgatsha ya lefatshe le le nnang le na le metsi ka dinako tsotlhe.[6]

  1. "Kwenge". GoogleMaps. Retrieved 25 June 2026
  2. Blaes, X. (October 2008). "Découpage administratif de la République Démocratique du Congo" (PDF). UNOCHA and PNUD. Archived from the original (PDF) on 2016-08-18.
  3. C.J. Warrington (May 1972). "M'Bwa na Basenji" (PDF). The Basenji. Retrieved 2026-06-25
  4. "Tribal Treasures". Zemanek-Münster. August 25, 2011. Archived from the original on August 17, 2012. Retrieved 2026-06-25
  5. Robert F. Gray, P. H. Gulliver (2004). The family estate in Africa: studies in the role of property in family structure and lineage continuity. Routledge. p. 83. ISBN 0-415-32985-X.
  6. R. H. Hughes; J. S. Hughes (1992). A directory of African wetlands. IUCN. p. 531. ISBN 2-88032-949-3.