Jump to content

Noka ya Kwilu

Go tswa ko Wikipedia
Noka Kwilu

Noka ya Kwilu (Portuguese: Rio Cuílo; French: Rivière Kwilu; Dutch: Kwilu Rivier) ke noka e kgolo kwa Lunda Norte le Lunda Sul kwa Angola le kwa Kwilu Province, e e neng e itsege jaaka porofense ya Bandundu, kwa Democratic Republic of the Congo (DRC) go ya kwa toropong ya Bandundu, kwa e kopanelang le Noka ya Kwango pele ga molapo ono o tsena mo Nokaneng ya Kasai. Kwa DRC noka e elela go feta metse ya Gungu, Kikwit, Bulungu, Bagata, Rutherfordia le Bandundu.[1] Lusanga, eo pele e neng e bitswa Leverville, e fa nokeng ya Kwenge e kopanang teng le Kwilu, fa gare ga Kikwit le Bulungu. [2]

Dikarolo tsa yone

[fetola | Fetola Motswedi]

Ke noka e e itsoketsang. Fa e le gaufi le molomo wa yone e bophara jwa dimetara di le makgolo a ferabongwe le masome a matlhano (950). Se se dirisiwang go dira bolao ke motlhaba.[3]Noka eno e boleele jwa dikilometara di le makgolo a ferabongwe le masome a marataro le botlhano (965). Ka paka ya dipula, lefelo le le tletseng metsi le fitlha go dikilometara di le sekete makgolo a matlhano le masome a le matlhano (1 550) (600 sq mi). Metsi a noka a tlhatlogela kwa bogodimong jwa magareng ga dimetara di le seketo (1 000) le dimetara di le sekete le makgolo a ferabobedi (1 800) kwa dithabeng tsa Angola. Di wela kwa tlase thata go ya kwa boalong jwa Central Congo Basin e e fa gare ga dimetara di le makgolo a matlhano (500) (1,600 ft) le dimetara di le 300 (980 ft) kwa godimo ga lewatle. Patlisiso ya ngwaga wa 2011 e fitlhetse mefuta e le lekgolo le lesome le borarao (113) ya ditlhapi mo malapeng a le masome a mabedi le motso (21) le ditlhopha di le borobabobedi.(8)[4]

  1. Blaes 2008.
  2. C.J. Warrington (May 1972). "M'Bwa na Basenji" (PDF). The Basenji. Retrieved 2012-02-02
  3. Hanibal Lemma, and colleagues (2019). "Bedload transport measurements in the Gilgel Abay River, Lake Tana Basin, Ethiopia (Table 7)". Journal of Hydrology. 577 123968. doi:10.1016/j.jhydrol.2019.123968. S2CID 199099061.
  4. Munene & Stiassny 2011.