Jump to content

Noka ya Licungo

Go tswa ko Wikipedia

Noka ya Licungo ke noka ya lefatshe la Mozambique mo metsaneng ya Zambezia. Noka eno e simolola kwa bokone jwa Gurúè mme e elela kwa borwa go ya kwa Lewatleng la India.

E tlogela kgaolo ya Gurué, noka e bopa molelwane magareng ga Namarroi le Ile mme morago e bo e nna molelwane o o kwa borwa wa kgaolo ya Lugela pele e tsena mo kgaolong ya Mocuba. Kwa motseng wa Mocuba, noka ya Licungo e kopana le noka ya Lugela e e elelang go tswa gaufi le molelwane wa Malawi. Go tswa foo noka eno e nna molelwane wa dikgaolo tsa Namacurra le Maganja da Costa.

Merwalela ke kgang e e tlhagelelang gangwe le gape, go akaretsa le merwalela ya lefatshe la Mozambique ya ngwaga wa dikete tse pedi (2000).[1]Merwalela ka kgwedi ya Ferikgong ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le botlhano (2015 )e ne ya bolaya batho ba le masome a marataro le bone mme borogo jwa National Road 1 kwa Mocuba bo ne jwa gosomana. [2][3]

Ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi (2018), lekadiba le, le ne la nna lefelo le le tsepameng la go dira dimmapa ke National Institute for Disaster Management (INGC),[4]le le neng le tshegediwa ke World Food Programme.[5]Basin e ne ya tlhatlhobiwa gape ke setlhopha sa Dutch Risk Reduction.[6]

Mafelo a temothuo a akaretsa Munda Munda plain[7]le masimo a sukiri a Sena.

  1. ↑ Kariba warns that floodgates will open this week Mozambique News Agency
  2. ↑ "País dividido: Águas do rio Licungo inundam distrito de Mocuba". infodiario.co.mz (in Portuguese).
  3. ↑ "Vale de lágrimas na bacia do Licungo". www.jornaldomingo.co.mz (in Portuguese).
  4. ↑ "INGC lança Projecto Atlas de resposta aos desastres na Bacia do Licungo" [INGC launches Atlas Project to respond to disasters in the Licungo Basin] (in Portuguese). Rádio Moçambique. 2018-07-17. Archived from the original on 2018-12-21.
  5. ↑ "#HappeningNow : National Institute for Disaster Management (INGC) holds the 1st technical meeting for the mapping of the Licungo River Basin, in Zambézia province, to reduce disaster risks and facilitate emergency response planning. With @WFP in #Mozambique support". 2018-06-07.
  6. ↑ "Dutch Risk Reduction Team: Reducing the risk of water related disasters" (PDF). Kingdom of the Netherlands. 2015-06-15. Archived from the original (PDF) on 2016-03-22
  7. ↑ "Munda Munda Irrigation Project". Dutch Water Sector. 2010-11-01. Archived from the original on 2018-12-21.