Noka ya Lotsane
| Lotsane River | |
|---|---|
Lotsane river near Palapye after a flood | |
| Location | Botswana |
| Mouth elevation | [convert: invalid number] |
Noka ya Lotsane ke noka e e kwa borwa botlhaba jwa Botswana. Ke noka eo e elelang ka fa molemeng e tshela mo nokeng ya Limpopo mme e na le lefelo la kgobokanyo la dikilometara di le dikete di ferabongwe makgolo a supa, masome a mane le boferabobedi go menagane (9 748square kilometers ))(3 764 sq mi).
Motswedi
[fetola | Fetola Motswedi]Lotsane e na le motswedi wa yone mo lefelong la motlhaba, kwa dintlheng tse di kwa botlhaba jwa Sekaka sa Kalahari. E elela ka makgwakgwa go ya kwa botlhaba, e feta gaufi le Serowe, e raletse Palapye mme e e iphaphathile ka Dithaba tsa Tswapong kafa bokone gaufi le Maunatlala. Mme e kopane jalo le noka ya Limpopo gotswa kafa molemeng kwa molelwaneng le Aforika Borwa.[1]
E tlatswa ke melatswana ya Noka ya Morupule le Noka ya Kutswe, mme morago e kgabaganye dithaba tsa Mokgware, e leng boidiidi jwa thaba jo bo kgaoganyang motswedi wa metsi ya dinoka tse di elelang kwa bokonebotlhaba, jaaka Maitsokgwane, go tswa mo go tse di elelang kwa borwabotlhaba jaaka Mahalapswe. Melatswana e mengwe ke noka ya Dikabeya le noka ya Susuela, tse di kopanang le Lotsane kwa botlhaba jwa kgaolo ya Tswapong.
Dinoka tsotlhe tse di mo lefelong la Lotsane di a kgala ngwaga otlhe, di itemogela go elela ga nakwana ka paka ya dipula tsa selemo. Batho ba mafelo a a gaufi ba ga metsi a a bolokilweng mo nokeng e e motlhaba.[2]
Go na le letamo le le lengwe le legolo mo nokeng ya Lotsane. mo bogompienong. Go rulagantswe go aga matamo a mangwe.[3] Go ya ka Koporasi ya Ditirelo tsa Metsi, go tloga ka Mopitlo 2012 Letamo la Lotsane le ne le se kgakala le go fetswa.[4]
Ditshwantsho
[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Limpopo RAK Archived 2012-08-05 at the Wayback Machine Retrieved 12 Phalane 2025.
- ↑ Major rivers and streams within the Limpopo River Basin Retrieved 12 Phalane 2025.
- ↑ Budget 2012: Fiscal Austerity Adhered to in Botswana - 3 Feb 2012 Archived 2012-03-11 at the Wayback Machine Retrieved 12 Phalane 2025.
- ↑ "Lotsane Dam". Botswana Water Utilities Corporation. Retrieved 12 Phalane 2025.