Jump to content

Noka ya Lubefu

Go tswa ko Wikipedia
Noka ya Lubefu
Letsha la noka ya Lubefa (1888)
MouthNoka ya Sankuru
Basin countriesDemocratic Republic of the Congo

Noka ya Lubefu ke motswedi wa noka ya Sankuru, e yone e leng motswedi wa noka ya Kasai kwa Democratic Republic of the Congo.

Mongwe wa batho ba Yuropa wa ntlha go etela noka e e ne e le Alexandre Delcommune ka ngwaga wa 1887 ka nako ya go ntsifala ga go etela dinoka tse di tsamaegang kwa kgampung ya Congo.[1] Tshupo ya loeto mo nokeng ya Kasai ka 1908 e ne e re go ne go na le dikwena mo nokeng mme ka ntlha ya go elela mo go mashetla ga noka go ne go sena dikubu kwa noka e kopanang le ya Sankuru teng. Noka e, e elela ka bofefo, e tshesane gape e na le makhubu, mo mafelong a mangwe ditlhare tse di kwa godimo di tlhama mosele. Go tswa kwa Bena Dibele, toropo kwa Sankuru kwa tlase ga ntlha e e kopanang le Lubefu go ya stationeng sa puso sa Lubefu ke dikhilomithara di le lekgolo le masome a marataro. le fa go ntse jalo, go tsere malatsi a le lesome le borobabongwe gore mokoro wa leruarua o o neng o kgweediwa ke batho ba ba nang le kitso le maitemogelo ba goroge.[2]

Baokamedi ba kolone ya Belgium ba ne ba pateletsa balemi ba kgaolo eo go lema letsela le ntswa e se se ba neng ba se batla. Go gana go lema letsela o papametse, e ne e le go ipolaya ka mategekini a ba kolone a ne a le setlhogo. Tegeniki nngwe e ne e le go bedisa peo ya letsela pele ga e lemiwa, gore e seka ya tlhoga. Ka ngwaga wa 1925 batho ba ba neng ba nna kwa kgampung e e kwa borwa jwa Lubefu ba ne ba tlhalosetsa moitseanape wa temothuo wa puso gore mmu o tshuba dipeo tsa letsela.[3]

  1. Briart, Paul; Ryelandt, Dominique (2003). Aux sources du fleuve Congo: Carnets du Katanga, 1890-1893 (in French). Editions L'Harmattan. ISBN 2-7475-4861-9.
  2. Hilton-Simpson, M.W. (1911)Land and Peoples of the Kasai; Being a Narrative of a Two Years' Journey Among the Cannibals of the Equatorial Forest and Other Savage Tribes. Constable. p. 65.
  3. Likaka, Osumaka (1997)Rural society and cotton in colonial Zaire. University of Wisconsin Press. ISBN 0-299-15334-7.