Jump to content

Noka ya Mangoky

Go tswa ko Wikipedia

Noka ya Mangoky ke noka ya boleele jwa dikilometara di le makgolo a matlhano,masome a marataro le bone 5kwa Madagascar kwa dikgaolong tsa Atsimo-Andrefana le Anosy. E bopilwe ke noka ya Mananantanana le ya Matsiatra. Noka e nngwe e e botlhokwa ke Noka ya Zomandao. E tlhoga kwa Central Highlands ya Madagascar kafa botlhaba jwa toropo ya Fianarantsoa. Noka e elela kwa bophirima go tswa kwa dithabeng, e kgabaganya karolo ya borwa ya Bemaraha Plateau, e fitlha kwa dipoeng tsa kwa lotshitshing le delta ya yone, mme e tsena mo Mozambique Channel kwa bokone jwa toropo ya Morombe kwa 21.316667°S 43.533333°E.

Bontsi jwa lefatshe la Madagascar le ile la senngwa thata ke go rengwa ga dikgwa mo dingwageng di le masome a mane tse di fetileng, segolobogolo ka ntlha ya mekgwa ya go rema ditlhare le go di fisa e e dirwang ke batho ba ba tlholegileng koo. Go nyelela mo ga dikgwa go ile ga dira gore mmu o senyege thata mo molapong wa Noka ya Mangoky, jaaka go bontshiwa ke mafelo a le mantsi a a nang le motlhaba a a leng mo moseleng wa noka. Letsha la Ihotry le le tletseng seretse le le botala jo bo tseneletseng le bonala sentle kwa borwa jwa noka eno. Fa gare ga letsha le lotshitshi go na le karolo e kgolo e tshweu ya motlhaba e e kgabagantsweng ke matamo a a tletseng seretse. Karolo e e kwa borwa ya delta e laolwa ke ditlhaketlhake tse di dikologileng le go bopega ga makhubu.

Go farologana le seo, karolo e e kwa bokone e e sireleditsweng ya letsha e tletse ka dinokana tse di nang le metsi a mantsi le di-mangrove

Dithulaganyo tsa go aga borogo jwa noka ya Mangoky mo RN 9 di simolotse ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi . E tla nna borogo jo boleele go gaisa mo Madagascar ka dimethara di le makgolo a robabobedi le masome a robabobedi .[1] E tlaa agiwa ke China Road and Bridge Corporation. [2]

  1. ↑ "Le plus long pont de Madagascar va voir le jour". La Vérité. Retrieved 2 September 2024.
  2. ↑ "Travaux publics : Sept routes nationales et onze rues de Tanà à réhabiliter". Midi Madagasikara. Retrieved 2 September 2024.