Noka ya Mangoro
Noka ya Mangoro ke noka e kgolo go di feta tsotlhe mo lobopong lwa botlhaba jwa Madagascar ka bogolo jwa mogogoro wa yone le metsi, mme e boleele jwa dikilometara di le makgolo a mararo.[1]
Kakaretso
[fetola | Fetola Motswedi]Noka ya Mangoro e simologa kwa bokonebotlhaba jwa toropo ya Anjozorobe mo kgaolong ya Analamanga, mo e ka nnang dimetara di le sekete le lekgolo . Dinoka tsa yone tse di kgolo ke Onive River (e e kopanelang mo lobopong lo lo siameng kwa 200 km go tswa kwa motsweding wa noka) le Nosivolo River. [2][3]Molomo wa yone o mo Lewatleng la India gaufi le toropo ya Ambodiharina.
Ka ntlha ya melatswana ya yone e mentsi, noka ya Mangoro e na le metsi a mantsi ngwaga otlhe, mme seno se dira gore e nne noka e e siametseng go rafting.[4]
Go tloga ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bobedi (2012), Sherritt International Corporation e ne e rulagantse go dirisa Noka ya Mangoro jaaka motswedi wa metsi a go tsamaisa pipeline ya slurry e e rweleng ore go ya kwa meepong ya porojeke ya Ambatovy, go tsosa matshwenyego a tikologo. [5]
Diphologolo tsa naga
[fetola | Fetola Motswedi]Go na le palo e nnye ya dikwena mo dikarolong tse di didimetseng tsa noka, mme palo ya tsone e kwa tlase thata mme e ntse e fokotsega.[6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Mangoro River (Madagascar)". LC Linked Data Service (Library of Congress). Retrieved 2013-03-05.
- ↑ "MADAGASCAR: New Livelihoods to Protect A River's Life". Global Issues, Inter Press Service. 2010-11-25. Retrieved 2013-03-05.
- ↑ Campbell, Gwynn. David Griffiths and the Missionary "History of Madagascar", p. 488–89 (Brill 2012) (citing Aldegheri, Marius. The Rivers and Streams on Madagascar, in Battistini, Rene & G. Richard-Vindard (ed.), Biogeography and Ecology in Madagascar (1972))
- ↑ "Mangoro river". Archived from the original on 2 April 2015. Retrieved 5 March 2013
- ↑ "Another Mining Horror Story? Sherritt International Corporation's Ambatovy Project in Madagascar". MiningWatch Canada. 2012-04-10. Archived from the original on 2012-04-18. Retrieved 2013-03-05.
- ↑ "Mangoro river". Archived from the original on 2 April 2015. Retrieved 5 March 2013.