Jump to content

Noka ya Mara

Go tswa ko Wikipedia
Noka ya Mara kwa Kenya

Noka ya Mara ke noka e simololang go elela go tswa kwa Narok County kwa Kenya mme e felela kwa kgaolong ya Mara kwa Tanzania. E kgabaganya tsela e diphologolo tse di nang le diphuka di fudugang ka yone mo tikologong ya Maasai Mara/Serengeti.[1]

Go elela ga Noka

[fetola | Fetola Motswedi]

Mokgatsha wa Noka ya Mara o na le bogolo jwa sekgala sa dikilometara di le dikete di le lesome le boraro le makgolo a matlhano le bone (5,214 sq mi), mo e ka nnang diperesente di le masome a marataro le botlhano tsa yone e kwa Kenya mme diperesente di le masome a mararo le botlhano kwa Tanzania.[2] Go tswa kwa metsweding ya yone kwa dithabeng tsa Kenya, noka e elela bokgakala jwa dikilometara di ka nnang makgolo a mararo le masome a robabongwe le botlhano (245 mi) mme e simologa kwa Mau Escarpment mme e elela mo lecheng la Victoria. Metsi a a ka kgaoganngwa ka dikarolo di le nne tsa go dirisa lefatshe/ kgotsa tsa tsamaiso.

Dikarolo tsa Mara

[fetola | Fetola Motswedi]

Mokgokolosa wa Mau: Noka ya Mara e tswa mo mogobeng wa Napuiyapi (2932 m), mme dinoka tse di kgolo tse di elelang di le dintsi ke Amala le Nyangores, tse di elelang go tswa kwa bophirima jwa Mokgokolosa wa Mau. Karolo eno ya lekadiba e na le dikgwa tse dingwe, e na le temothuo e potlana (e e ka fa tlase ga diheketara di le lesome) le dipolase tsa tee di na le diheketara di le masome a mane).

Dithaba tsa Kenya: Mo lefelong le, dinoka tsa Amala le Nyangores di elela go mokgokoloseng wa Mau mme di kopana go bopa Noka ya Mara. Morago ga moo noka e elela go ya kwa pele go ralala naga e e bulegileng ya savannah e e laolwang ke dipolasi tsa setlhopha sa Maasai e e dirisiwang jaaka mafulo a diruiwa le go dira temothuo e nnye le e kgolo (e e fetang diheketara di le masome a mane). Metsi a dinoka tse nne tse di botlhokwa tsa Mara (Dinoka tsa Talek, Engare, Sand le Engito) le one a mo lefelong leno, mmogo le mafelo mangwe a a kwa godimo a a jaaka dithaba tsa Loita.

Mafelo a a Sireleditsweng: Kgabagare noka e e elela go ya kwa Masai Mara National Reserve e e itsegeng lefatshe lotlhe, kwa e kopanang gone le melatswana e meraro ya yone e mene e e umakilweng. Kwa molelwaneng wa Kenya le Tanzania, noka e e elela mo Serengeti National Park mme e kopanngwa le noka e tona ya bone e elelang mo yo yone: Noka ya Sand (kgotsa ya Longaianiet). Mo diphakeng tse tsa diphologolo tsa naga, batho ba dira fela tiro ya lebelela diphologolo tsa naga.

Kwa tlase ga noka kwa Mara Region Tanzania: Fela fa Noka ya Mara e sena go tswa mo Ikorongo Game Reserve (e e mo molelwaneng wa Serengeti National Park) e ya kwa bokone. Mo lefelong le noka e e yang kwa borwabophirima gone, e elela gape e bo e wela mo melatswaneng e e farologaneng, e e elelang kwa mafelong a a bongola a Mara a a kwa tlase. Melatswana e le mafelo a a bongola a tswelela pele sekgala sa dikilometara le masome a supa go ela kwa tlase ga noka. Mo karolong e ya lekadiba, batho le leruo ba nna thata mme temo e nnye e dirisediwang go itshedisa ke yone e e dirisiwang thata mo lefatsheng. Mokgatsha wa Noka ya Mara ke mongwe wa mekgatsha e le lesome ya metsi e e tsenang mo Lecheng la Victoria mme ka jalo e amana ka tsela ya go dira le ikholoji le ditiro tsa loago le ikonomi mo Lecheng la Victoria le go bapa le Noka ya Nile.

Bogodimong le Mafelo a a farologaneng

[fetola | Fetola Motswedi]

Bogodimo jwa lefelo leno bo simolola ka dimetara di le dikete di le pedi le makgolo a le robongwe le masome a mararo le bobedi go dikologa metswedi e e kwa Mau Escarpment go fitlha go dimetara di le sekete le lekgolo le masome a mararo le bone go dikologa Letsha la Victoria. Selekanyo sa pula se farologana go ya ka bogodimo jono. Mokgokolosa wa Mau o amogela pula e ntsi ka palogare ya pula ya ngwaga le ngwaga e e fa gare ga dimilimetara di le sekete le sekete le makgolo a supa le masome a matlhano. Mafulo a a fa gare a savannah a a kgabaganyang melelwane a amogela palogare ya dimilimetara di le makgolo a le robongwe go ya go di le sekete, mme dithaba tse di kwa tlase tsa Loita tsa Kenya le kgaolo e e dikologileng Letsha la Victoria di amogela pula ya dimilimetara di le makgolo a supa le makgolo a le robedi le masome a matlhano fela ka ngwaga. Mo godimo ga go fetofetoga ga pula mo lefaufaung, kgaolo e gape e itsege ka go fetofetoga ga pula mo lobakeng lwa nako, se se rayang gore mafelo a a farologaneng otlhe a amogela selekanyo se se farologaneng sa pula mo ngwageng. Dipaka tsa dipula ke tsa mefuta e mebedi, dipula tse di telele di simolola mo bogareng jwa Mopitlwe go fitlha ka Seetebosigo mme di na thata ka Moranang, fa dipula tse dikhutshwane tsone di na magareng ga Lwetse le Sedimonthole.

Ditlamorago tsa ga Mara

[fetola | Fetola Motswedi]

Noka e ke motswedi o o botlhokwa wa dijo tsa diphologolo tse di fudisang mo lefeloong le. Le fa gone ka paka ya komelelo gantsi e ka lebega e se boteng, e ka nna ya bo e le bogolo jo bo fetang jwa yone gabedi fa pula e na thata. Se se ka dira gore go nne le makhubu mo nokeng, e leng se se ka dirang gore dibatana tse di sa kgoneng go kgabaganya noka go ya go tsoma di tlhaele dijo.

Bona gape

[fetola | Fetola Motswedi]

References

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "The Serengeti Ecosystem | Management | Vancouver Island University | Canada". management.viu.ca. Retrieved 2025-07-03.
  2. Jim K. Kairu, "Biodiversity Action Plan for Sustainable Management: Mara River Basin" (WWF, 2008)