Jump to content

Noka ya Medjerda

Go tswa ko Wikipedia
Noka ya Medjerda

Noka ya Medjerda (Arabic), Bagradas ya bogologolo, ke noka ya kwa Afrika Bokone e e elelang go tswa kwa bokonebotlhaba jwa lefatsheng la Algeria go ralala Tunisia pele e tshologela kwa Kgogometsong ya Tunis le Letsha la Tunis. Ka boleele jwa 450 km, ke noka e telele go di feta tsotlhe mo Tunisia. E itsege gape jaaka Wadi Majardah kgotsa Mejerda (French).[1]

Noka ya Medjerda e simologa kwa Tell Atlas, e e leng karolo ya Dithaba tsa Atlas, kwa bokonebotlhaba jwa Algeria mme e elela kwa botlhaba go ya kwa Tunisia, go tswa foo e bo e tsena mo Kgogometsong ya Utica ya Lewatle la Mediterranean. Tsela ya yone e boleele jwa dikilometara di le makgolo a mane le masome a marataro . Ke noka e e botlhokwa le e telele go di feta tsotlhe mo Tunisia mme e na le matamo mo mafelong a le mmalwa, e le motlamedi yo mogolo wa metsi mo dijalong tsa korong tsa naga.[2]

Kgogometso ya Utica e ne ya bopega ka nako ya fa go ne go na le dikgapetla tsa metsi morago ga motlha wa dikgapetla dingwaga di ka nna dikete tse thataro tse di fetileng. Fa nako e ntse e tsamaya, metsi a a neng a tswa mo nokeng ya Medjerda a ne a tlala ka bonya ka bonya mo karolong e e kwa bokone ya kgogometso eno. Tatelano ya ditiragalo tsa hisitori e ile ya tlhomamisiwa go ya ka mekwalo ya bogologolo le bosupi jwa baithutamarope.

Kwantle ga go sekaseka tsela e mmu o ntseng ka yone, go ile ga dirisiwa ditshwantsho tse di tserweng mo lefaufaung le tse di tserweng ka sathalaete go sekaseka kafa lefelo leno le ileng la fetoga ka teng mo dingwageng di le 3.000 tse di fetileng. Karolo e e kwa borwa ya kgogometso eno e ne e tletse ka metsi mo metlheng ya bogologolo. Lewatle le ne la tswa ka iketlo mo karolong e e kwa bokone mo Metlheng ya Bogare le mo metlheng ya segompieno. Kgogometso ya Ghar el Melh ke masalela a bofelo a se pele e neng e le kgogometso ya Utica.

Morago ga morwalela o mogolo wa bofelo ka ngwaga wa sekete ,makgolo a robabongwe le masome a supa le boraro (1973), noka ya Medjerda e ne ya fetola tsela ya yone gape. Jaanong e elela ka kanale e e neng e epiwa kwa tshimologong go ntsha metsi a a neng a tshologetse kwa godimo.[3]

Medjerda ke tsela ya metsi e e botlhokwa thata mo Tunisia e e tlisetsang batho ba ba nnang mo nageng eno metsi a a phepa. Gape go botlhokwa mo bathong ba ba nnang gaufi le noka. Metsi a a tswang kwa Medjerda a dirisediwa go nosetsa mme a botlhokwa thata mo temothuong ya kgaolo eno.

E re ka e ne e le lefelo le le botlhokwa thata, e ne ya lwelwa le go agiwa makgetlo a le mantsi ke Ba-Carthage, Baroma, Ba-Vandal, Ba-Byzantine, Baarabia le Ba-Ottoman. Metse e megolo e le mentsi e ne ya agiwa mo go yone kana gaufi le yone, go akaretsa Utica, Carthage, mme kgabagare le Tunis. Maemakepe a pele e neng e le Utica le Ghar el-Melh (Rusucmona kgotsa Porto Farina) kgabagare a ne a tswalwa ka go bo boemakepe jwa one bo ne bo tletse seretse.

  1. Beschaouch, Azedine (1986). "De l'Africa latino-chrétienne à l'Ifriqiya arabo-musulmane: questions de toponymie". CRAI (in French). 130 (3): 530–549. doi:10.3406/crai.1986.14420. Archived from the original on 2024-01-28. Retrieved 2023-10-08
  2. "Study on Integrated Basin Management of the Medjerda River | Tunisia | Countries & Regions | JICA". www.jica.go.jp. Archived from the original on 19 October 2009. Retrieved 28 July 2017.
  3. Ameur Oueslati, Faouzia Charfi & Fadhel Baccar, La basse vallée de Oued Majerda et la lagune de Ghar El Melh, projet WAD