Noka ya Metsimotlhabe
Noka ya Metsimotlhabe ke noka e kgolo go gaisa mo Kgaolong ya Kweneng ya Botswana, e elela gontswa kwa borwa jwa Molepolole go tsena mo Nokeng ya Notwane, e e tsenang mo molatswaneng wa Noka ya Limpopo.[1] Leina "Metsimotlhabe" le raya "metsi a motlhaba wa noka".[2]
Letamo la Bokaa le agilwe ka dingwaga tsa sekete,makgolo a robabongwe, masome a robabongwe le sekete, makgolo a robabongwe,masome a robabongwe le motso (1990/1991) go tsaa metsi mo nokeng ya Metsimotlhabe fela kwa borwa jwa motse wa Bokaa.[3] Meeledi ya metsi mo godimo ga lefatshe le la motlhaba le le dikologileng Metsimotlhabe e felelela fela mo dipaneng le mekgatšha e e kgalang mme esa tshware metsi.[1] Go ntsha motlhaba mo nokeng go bakile mathata, ka gonne go ama motswedi wa metsi go baka phokotsego, selo seo se dirang gore dimela tse di mo tikologong di swe.[4] Se ke tiro e e papametseng e e bakwang ke seemo sa itsholelo mo Kgaolong.[5] Ka kgwedi ya Seetebosigo ngwaga wa kete pedi, Iesome le motso (2012) mmueledi wa Lephata la Ditswammung, Kgotetso le Metsi o ne a supa gore tlhokego e ne e le kwa godimo ka ntlha ya kgolo ya kago ya matlo e e bakilweng ke itshololelo ya kgolo ya lefatshe.[6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Kweneng District Council 2002, p. 3.
- ↑ Metsimotlhabe.
- ↑ Bokaa Dam - Birdlife International.
- ↑ Kweneng District Council 2002, p. 34.
- ↑ Kweneng District Council 2002, p. 123.
- ↑ Mathala 2012.