Jump to content

Noka ya Nunez

Go tswa ko Wikipedia

Noka ya Nunez kgotsa Rio Nuñez (Kakandé) ke noka kwa lefatsheng la Guinea e e simololang kwa dithabeng tsa Futa Jallon. E itsege gape ka leina la Noka ya Tinguilinta, ka ntlha ya motsana o o leng fa godimo ga yone.[1]

Dipopego tsa lefatshe

[fetola | Fetola Motswedi]

Nunez e e fa gare ga Noka ya Kogon [fr] kwa bokone le Noka ya Pongo kwa borwa, e tshologela mo Lewatleng la Atlantic kwa boemakepeng jwa toropo ya Kamsar, go bapa le lotshitshi lwa Guinea-Conakry. Noka eno e tlala ngwaga le ngwaga ka paka ya dipula, mme seno se dira gore go nne le dipoa tse di tletseng metsi le mafelo a a tletseng seretse. Mabala ano a a nang le merwalela a nniwa ke batho ba Nalu le Baga. Mo e ka nnang dikilometara di le 64 go ya kwa tengteng ga naga go na le toropo ya Boké; e kgolo go di feta tsotlhe mo nokeng eno e bile ke yone e e leng boremelelo jwa kgwebo ya Guinea.[2] Fano noka e bophara jwa 100m le boteng jwa 1m.[3][4]

Noka eno e e seng boteng e e elela go tswa kwa Boké e ralala dithaba tse di kwa tlase tse di nang le metseletsele ya makhubu le ditlhaketlhake tse dinnye go ya kwa motsweding wa yone, e leng kwa melatswana e le mmalwa e kopanang gone.

  1. Rouck, J. (1925). Sur les Côtes du Sénégal et de la Guinée. Voyage du Chévigne. Paris. pp. 155–175.
  2. Coffinières de Nordeck (1886). "Voyage aux pays des Baga et du Rio Nunez par M. le Lieutenant de Vaisseau Coffinières de Nordeck, commandant 'Le Goëland'". Le Tour du Monde: 273–304.
  3. Fields-Black, Edda L. (2008). Deep roots: rice farmers in West Africa and the African diaspora. Blacks in the diaspora. Indiana University Press. p. 32–34. ISBN 978-0-253-35219-4.
  4. National Geospatial-intelligence Agency (2005). Prostar Sailing Directions 2005 West Coast of Europe & Northwest Africa Enroute (9th ed.). ProStar Publications. p. 239. ISBN 1-57785-660-0.