Noka ya Omo
Noka ya Omo (Amharic: ኦሞ ወንዝ, romanized: Omo Wenz; gape e bidiwa Omo-Bottego) kwa borwa jwa lefatshe la Ethiopia ke noka e kgolo go di feta tsotlhe mo Ethiopia kwa ntle ga Nile Basin. Noka eno e elela fela mo melelwaneng ya Ethiopia, mme e elela mo Letsheng la Turkana mo molelwaneng wa Kenya. Noka eno ke yone e e elelang kwa godimo thata mo mokgatšheng wa metsi a a nang le metsi a mantsi, e leng Mokgatšha wa Turkana.
Noka eno e tumile ka palo e kgolo ya di-hominid tsa bogologolo le dilo tse di bonweng ke baithutamarope tse di jaaka didirisiwa tsa bogologolo tsa leje, tse di dirileng gore e tsenngwe mo Lenaaneng la UNESCO la Ngwao ya Lefatshe ka ngwaga wa sekete , makgolo a robabongwe le masome a robabobedi (1980).[1]
Dipopego tsa lefatshe
[fetola | Fetola Motswedi]Noka ya Omo e bopega ka go kopana ga Noka ya Gibe, e e leng nngwe ya dinoka tse di kgolo tse di tsenang mo Nokeng ya Omo, le Noka ya Gojeb, e e leng nngwe ya dinoka tse dikgolo tse di tsenang mo Nokeng ya Omo.[2] Ka ntlha ya bogolo jwa tsone, boleele jwa tsone le tsela e di tsamayang ka yone, motho a ka nna a akanya gore noka ya Omo le ya Gibe ke noka e le nngwe fela mme e na le maina a a farologaneng. Ka jalo, ka dinako tse dingwe karolo yotlhe ya noka eno e bidiwa Mokgatšha wa Noka ya Omo-Gibe. Noka eno e akaretsa karolo ya kgaolo ya Oromia e e kwa bophirima le bogare jwa kgaolo ya Southern Nations, Nationalities, and People's Region.[3]
Tsela ya yone e leba kwa borwa, fela e na le go sokologa go go golo go ya kwa bophirima kwa 7° N 37° 30' E go ya go 36° E kwa e retologelang kwa borwa go fitlha 5° 30' N kwa e dirang S-bend e kgolo teng mme e bo e tswelela ka tsela ya yone e e yang kwa borwa kwa Letsheng la Turkana. Go ya ka tshedimosetso e e gatisitsweng ke Ethiopian Central Statistical Agency, Noka ya Omo-Bottego e boleele jwa 760 kilometres (470 mi).[4]
Mo tseleng ya yone, Omo-Bottego e na le go wa ga dimetara di ka nna makgolo a supa go tswa mo go kopanngweng ga dinoka tsa Gibe le Wabe ka dimetara di lesekete ,le masome a marataro go ya go masome a mararo le borataro kwa godimo ga letšha, mme ka jalo ke molapo o o bonako kwa godimo ga yone, o kgaogantswe ke Kokobi le diphororo tse dingwe, mme o kgona go tsamaya ka dikepe sebaka se sekhutshwane fela fa godimo ga fa o elela mo Letsheng la Turkana, lengwe la matsha a Gregory Rift. The Spectrum Guide to Ethiopia e e tlhalosa jaaka lefelo le le rategang la go rafting ka kgwedi ya Lwetse le Diphalane, fa noka e santse e le kwa godimo ka nako ya dipula.[5] Noka e e botlhokwa thata ya yone ke Noka ya Gibe; dinoka tse dinnye di akaretsa Noka ya Wabi, Denchya, Gojeb, Mui le Usno.
Noka ya Omo-Bottego e ne e bopa melelwane ya botlhaba ya magosi a pele a Janjero le Garo. Noka ya Omo gape e elela go feta Mago le Omo National Parks, tse di itsegeng ka diphologolo tsa tsone tsa naga. Diphologolo di le dintsi di nna gaufi le noka eno, go akaretsa le dinare, dikwena le dinoga tse di bidiwang di-puff.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Lower Valley of the Omo". UNESCO World Heritage Centre. United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization. Retrieved 18 September 2021.
- ↑ "Impact of Land use Land cover change on Stream flow (Case Study Gilgel Gibe III)". Addis Abeba University. Addis Abeba University - Institute of Technology School of Garaduate Studies Department of Civil Engineering. Retrieved 9 November 2025
- ↑ Lehner, Bernhard; Verdin, Kristine; Jarvis, Andy (2008-03-04). "New Global Hydrography Derived From Spaceborne Elevation Data". Eos, Transactions American Geophysical Union. 89 (10): 93–94. doi:10.1029/2008eo100001. ISSN 0096-3941.
- ↑ "Climate, 2008 National Statistics (Abstract)", Table A.1. Central Statistical Agency website (accessed 26 December 2009)
- ↑ Camerapix (2000), p. 262