Jump to content

Noka ya Oshigambo

Go tswa ko Wikipedia

Noka ya Oshigambo ke noka e e seng ya sennela ruri kwa bokone legare la Namibia, e e tshelang kwa letšheng la Etosha. Ga e nke e nna le metsi a fa godimo ga lefatshe[1] mme e ne e elela ya bo ya thubegilwe ke lotshitshi ka 2006, e baka merwalela kwa Oshigambo, motse e e o ralalang.[2] baithuti ba sekolo se segolwane sa Oshigambo High School ba ne ba amiwa ke morwalela wa 2011. Borogo bo bo amanyang matlo a borobalo a basetsana le sekolo bo ne bo nwetse mo metsing ka ntlha ya dipula tse di matsorotsoro. Morwalela o ne wa gapa matshelo a le mmalwa mo dingwageng tse tharo.[3]

  1. "Oshigambo River and Etosha Pan, Namibia". NASA. Archived from the original on 12 July 2009. Retrieved 15 October 2025.
  2. Shivute, Oswald (27 February 2006). "Oshigambo village in the North under water". The Namibian. Retrieved 15 October 2025.
  3. Shaanika Helvi,"Another body found in Oshigambo river"[dead link], New Era, 13 April 2011