Jump to content

Noka ya Sierra Leone

Go tswa ko Wikipedia
Noka ya Sierra Leone
Mogogoro wa noka ya Sierra Leone
MouthLewatle la Atlantic
Length40 km (25 mi)

Noka ya Sierra Leone ke mogogoro wa noka o o kwa lewatleng la Atlantic kwa bophirima ja Sierra Leone. E tlhamilwe ke noka ya Bankasoka le noka ya Rokel, e bophara jwa dikhilomithara di le thataro go tsena di le lesome le borataro le di le masome a mane ka boleele. E na le maemelo a dikepe a matona a Queen Elizabeth II Quay le Pepel. Mogogoro o, o botlhokwa gape mo go romeleng dithoto kwa mafatsheng a sele. Ke maemelo a dikepe a tlholego a matona go feta a mangwe otlhe mo Aforika. Ditlhaketlhake di le mmalwa, di akaretsa setlhaketlhake sa Tasso (se setona go fetisa), setlhaketlhake sa Tombo, le setlhaketlhake se se neng se le botlhokwa mo ditsong sa Bunce, di mo mogogorong o.[1]

Maemelo a difofane a Lungi

[fetola | Fetola Motswedi]

Noka e kgaoganya Freetown, toropokgolo ya Sierra Leone e e kwa borwa jwa maemelo a dikepe, le maemelo a difofane a a dirisiwang thata kwa lefatsheng leo a Lungi, a a kwa bokone jwa maemelo a dikepe mo lefelong le le bidiwang Bullom Shore. Mofuta wa dipalamo o o dirisiwang thata go tswa kwa maemelong a difofane go ya Freetown ke ka mekoro e e lobelo kgotsa mekorwana. Ditirelo tsa sefofane sa tlhoo tomo le di hovercraft ga di sa tlhole di le teng.

Mogogoro wa dikhilomithara di le dikete pedi, makgolo a robabongwe le masome a matlhano wa noka ya Sierra Leone o mo setlhopheng sa makgobokgobo a a botlhokwa a mafatshefatshe ke bokopano jwa Ramsar kwa bophirima jwa Sierra Leone.[2] Lefelo le ke makgobokgobo a ditlhare tsa mangrove mme gape le na le dikgwa tsa metsi.[3] Lefelo le gape le supilwe fa e le lefelo le le botlhokwa la dinonyane ke lekgotla la Birllfe International ka le na le palo e e bonalang ya dinonyane tsa Eurasian oystercatchers, curlew sandpipers le dintsu.[4]

  1. "Sierra Leone River" britannica.com
  2. World Database on Protected Areas: Site Information Archived 2008-09-24 at the Wayback Machine, UN Environment Programme World Conservation Monitoring Centre (2004), retrieved on 30 June 2026
  3. Ramsar Sites Information Service Archived 2008-07-14 at the Wayback Machine, Ramsar, retrieved on 30 June 2026
  4. "Sierra Leone River Estuary". BirdLife Data Zone. BirdLife International. 2024. Retrieved 2026-06-30