Jump to content

Noka ya Sous

Go tswa ko Wikipedia
Noka ya Sous

Noka ya Sous(Searabia: واد سوس, ka puo ya Seroma: wād sūs; Seroma sa Se-Tachelhit: rif ⵚⵚ, ka Seroma: asif n sus) ke noka e e mo bogareng jwa borwa jwa lefatshe la Morocco e e mo kgaolong ya Sous. E simolola kwa Atlaseng e e kwa Godimo mme e elela kwa bophirima e feta Aoulouz, Taroudannt, Oulad Teima, Inezgane le Aït Melloul. E bopa beisine e e sireleditsweng mo tlelaemeteng ya sekaka ya Sahara ke dithaba tsa Anti-Atlas mme ke nngwe ya dikgaolo tse di nonneng thata tsa Morocco.[1]

Letamo la Aoulouz ke lone letamo le letona mo nokeng eno.

  1. Encyclopædia Britannica. "Sous River". Encyclopædia Britannica. Retrieved 26 March 2012.