Noka ya Thamalakane
| Noka ya Thamalakane | |
|---|---|
Noka ya Thamalakane gaufi le Maun | |
| Mouth | makgadikgadi a Sua |
| Basin countries | Botswana |
| Location | Botswana |
| Length | 88 km (55 mi) |
Noka ya Thamalakane ke noka e e fitlhelwang mo Botswana,kwa phelelong ya borwa jwa makgobokgobo a Okavango mo Botswana, Aferika.Ga e na tshimologo (motswedi) e e tlhomilweng le phelelo (makgobokgobo) ye e bonalang. E nnile teng ka ntlha ya go ema ga majwe kwa Thamalakane - e simolotse go nna teng dingwaga di le didikadike tse pedi tse di fitileng e le tsamaiso ya lefatshe ya go kgaogana ga lefatshe mo go kgaoganyang Aforika kwa botlhaba.

Fa lefatshe le le fa gare ga dikgaogano tse pedi (ya Gumare le ya Kunyere) le simolola go wa, go elela ga metsi a noka ya Okavango go ne ga thibelwa ke kgaogano ya Thamalakane, ya simolola go phatlalala le go dira metseletsele ya metsi e gompieno e itsegeng e le makgobokgobo a Okavango.
Nngwe ya metseletsele ya boremelelo e e tshelwang ke makgobokgobo a Okavango ke noka ya Boro. Ka e thibetswe ke kgaogano, e tshela mo nokeng ya Thamalakane ka sekhutlo sa 90° mo molapong wa metsi yo o dirilweng ke kgaogano. Dikhilomithara di le masome mane kwa bophirima, metsi a ema kwa kgaoganong ya Thamalakane. E tshela gape ka sekhutlo sa 90° kwa nokeng ya Thamalakane e tlhama noka ya Boteti, e e itemogelang komelelo go ya ka dipaka mo mafelong mangwe a a kwa tlase. Ka paka ya dipula, noka ya Boteti e tshela kwa letšheng la Makgadikgadi, e dira gore lefelo leo le nne le dimela le ditshedi ka nako ya dipula.[1]
Mo malatsing a pele, Boro e ne e tshela kwa Boronyana le Shashe e seng kwa nokeng ya Thamalakane fela.
Mo lotshitshing lwa noka ya Thamalakane, motse wa Maun o ne wa tlhamiwa. Phatlalatso ya metsi kwa Maun e tswa mo masimong a a mo lotshitshing lwa dinoka tsa Thamalakane le Shashe.[2]
Ditshedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ C.Michael Hogan. 2008. Makgadikgadi Archived 30 October 2023 at the Wayback Machine, A. Burnham, ed. The Megalithic Portal
- ↑ T.Scudder. 1993. The IUCN review of the Southern Okavango Integrated Water Development Project, International Union for Conservation of Nature and Natural Resources 543 pages
C.Michael Hogan. 2008. Makgadikgadi e bolokilwe ka Phalane a le masome a mararo 2023 mo Wayback Machine, A. Burnham, ed. The Megalithic Portal
T.Scudder. 1993. Tshekatsheko ya IUCN ya Lenaneo la Kgatiso e e Kopanetsweng ya Metsi ya Borwa jwa Okavango, Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Pabalesego ya Tlhago le Tikologo ditsebe di le makgolo a le matlhano le masome a le mane le borataro