Jump to content

Noka ya Tugela

Go tswa ko Wikipedia
Noka ya Tugela

Noka ya Tugela (Zulu: Thukela; Afrikaans: Tugelarivier) ke noka e kgolo ya KwaZulu, Afrika Borwa. Ka boleele jwa makgolo a matlhano le masome a marataro (560 km) (350 mi), le go wela ga sekete le makgolo a mararo le masome a supa (1 370) metres mo tlase ga makgolo a mane le masome a ferangbobedi (480 km),[1]ke nngwe ya dinoka tse di botlhokwa mo nageng.[2]

Noka e simologa kwa Mont-aux-Sources ya dinoka tse dingwe tse pedi tse dikgolo tsa Aforika Borwa, Noka ya Orange le Noka ya Caledon. Go tswa kwa Drakensberg, Tugela e latela tsela ya makgolo a matlhano le masome a marataro 560 km (350 mi) go ralala KwaZulu-Natal pele e elela mo Lewatleng la India. [3]Lefelo le le tletseng la metsi ke 29,100 km2 (11,200 mi2). [3]Tiriso ya lefatshe mo lefelong le le nang le metsi ke temothuo ya go itshedisa ya kwa magaeng le temothuo ya sekgwa ya kgwebo.

Masole a Boritane a kgabaganya noka ka nako ya Ntwa ya Bobedi ya Maburu

Noka ya Tugela e fepiwa ke dinoka tse di tswang kwa Drakensberg, e kgolo go di feta tsotlhe ke Noka ya Mzinyathi ("Buffalo") (e e simololang gaufi le Thaba ya Majuba). Tse dingwe ke Noka ya Little Tugela, Noka ya Klip (e e tlhatlogang gaufi le Van Reenen Pass), Noka ya Mooi, Noka ya Blood, Noka ya Sundays (e e tlhatlogang kwa Biggarsberg) Noka ya Ingagani le Noka ya Bushman.[3][4]Noka ya Buffalo e kopana le Tugela e e ka nnang lesome le boferabongwe (19 km) (12 mi) kwa botlhaba jwa Tugela Ferry kwa 28°43′04′′S 30°38′41′′E.

Noka ya Madi e ne ya tewa leina ke Maburu, a eteletswe pele ke Andries Pretorius, morago ga go fenya kgosi Dingane wa MaZulu ka kgwedi ya Sedimonthole e le lesome le borataro (16) ka ngwaga wa 1838. Go bolelwa gore noka eno e ne e tletse ka madi a masole a Ba-Zulu. Ka fa tlase ga Blood River ke Rorke's Drift, lefelo la go kgabaganya le lefelo la ntwa, mo Ntweng ya Anglo-Zulu.[5]

Tlhapi e e serolwana e e nang le makape (Labeobarbus natalensis) e fitlhelwa mo Nokeng ya Tugela. Ke tlhapi e e tlwaelesegileng e e fitlhelwang kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal mme e fitlhelwa mo mafelong a a farologaneng magareng ga ditlhaketlhake tsa Drakensberg le dintshi tse di fa thoko ga lewatle, go akaretsa dinoka tse di jaaka Umkomazi.[6]

Mokwalo wa Tugela o ne o dirisiwa mo ngwagakgolong wa bo masome a mabedi (20); ke mofuta wa Seesemane wa leina la Sezulu Thukela. Bakwadi ba lekgolo la bo lesome le borobabongwe (19) la dingwaga ba ne ba dirisa mekgwa e e farologaneng ya go peleta mafoko, e e akaretsang:

  • Isaacs (1836) o dirisitse ditlhaka tse di farologaneng mo bukeng ya gagwe, Travels and Adventures in Eastern Africa,[7]go akaretsa Ootergale le Ootoogale.
  • C.R. Maclean (John Ross), a kwala mo go Nautical Magazine ka ngwaga wa 1853, a dirisa mopeleto wa Zootagoola.[8]
  • George French Angas, motaki wa ngwagakgolo wa lesome le borobongwe, o ne a dirisa leina la Tugala mo ditlhalosong tsa ditshwantsho tsa gagwe.[9]

Dingwe tsa dipharologano tse di ka nna tsa tlhalosiwa ke bakwadi ba ntlha ba Yuropa ba ba neng ba sa itse gore thutapuo ya Sezulu e dirisa maemedi, gantsi e le "i-" kgotsa "u-", go supa setlhopha sa leina la leina.

  1. "Key rivers of South Africa - MyFundi". Retrieved 2024-05-15.
  2. "Key rivers of South Africa". MyFundi.
  3. 1 2 3 "Proposal to establishment a Catchment Management Agency for the Thukela Water Management Area - Appendix A" (PDF). Department of Water Affairs and Forestry. July 2004. Retrieved 2008-10-21.
  4. Thukela WMA 7
  5. This has a very detailed description of the river's course
  6. "Technical Report on the State of Yellowfishes in South Africa 2007" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2017-06-29. Retrieved 2012-03-29
  7. Nathaniel Isaacs (1836). Travels and Adventures in Eastern Africa - Vol I. Edward Churton. Retrieved 2010-08-08
  8. Reproduced in
  9. "Making outchoualla or native beer, at Gudu's kraal, Tugala River, Zulu country", a sketch by G F Angas; National Library of Australi