Noka ya Volta

Noka ya Volta (Akan: Asuo Firaw, Ewe: Amuga, French: Fleuve Volta) ke noka e kgolo ya Afrika Bophirima mo nageng ya Ghana. E elela kwa borwa go ya kwa Ghana go tswa kwa dithabeng tsa Bobo-Dioulasso kwa Burkina Faso.
Dikarolo tse tharo tse dikgolo tsa noka eno ke Black Volta, White Volta le Red Volta. Kwa bokonebophirima, Black Volta e dira melelwane ya boditšhabatšhaba ya Ivory Coast, Ghana le Burkina Faso. Noka ya Volta e elela go ya kwa borwa go bapa le dithaba tsa Akwapim-Togoland, mme e tshologela mo Lewatleng la Atlantic kwa Kgogometsong ya Guinea kwa Ada Foah. Nngwe ya melatswana ya yone e mennye, Noka ya Oti, e tsena mo Ghana go tswa kwa Togo kwa botlhaba. Noka ya Volta e ile ya thibelwa kwa Akosombo gore go dirwe motlakase ka yone. Letsha la Volta le simolola kwa Letamong la Akosombo kwa borwa go fitlha kwa karolong e e kwa bokone ya naga, mme ke letsha le legolo go gaisa mo lefatsheng le le dirilweng ke motho.[1]
Naga ya Burkina Faso e kile ya bo e bidiwa Upper Volta, go tewa ka noka eno.
Lefelo le go bolokelwang metsi mo go lone
[fetola | Fetola Motswedi]Letsha la Volta ke letamo le le tswetsweng ke Letamo la Akosombo mo nokeng ya Volta kwa borwa jwa Ghana. Ke lengwe la matamo a magolo go gaisa otlhe mo lefatsheng. E atologa go tswa kwa letamong la Akosombo kwa borwabotlhaba jwa Ghana go ya kwa toropong ya Yapei kwa Kgaolong ya Central Gonja, kwa Kgaolong ya Bokone jwa Ghana, dikilometara di le 400 (250 mi) go ya kwa bokone.
Lefelo le le fetlhang motlakase la letamo leno le fetisetsa motlakase kwa Lekgotleng la Noka ya Volta, mme gape letamo leno le dira gore go nne le ditsela tsa go tsamaisa metsi. Ke motswedi wa nosetso le temothuo ya ditlhapi [2][3]
Botebo jwa noka eno bo ka nna dimetara di le lesome le bone (14) kwa tlase ga Letsha la Volta. Noka ya Volta e kgabaganngwa ke Borogo jwa Adome ka fa tlase ga Letamo la Akosombo.
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Batho ba Ba-Akwamu ba ba kileng ba aga bogosi jwa bone mo lotshitshing lo lo kafa botlhaba le lo lo kafa bophirima jwa noka eno e e kgabaganyang naga ya gompieno ya Ghana, Togo le Benin ba e bitsa Firaw. Ba na le modimo o o neetsweng noka e e bidiwang Mfodwo.[4]
Noka ya Volta e ne ya tewa leina ke bagwebi ba gauta ba Bapotokisi ba kwa Ghana. E ne e le lefelo le ba neng ba sa le itse pele ba boela morago (volta ke Sepotokisi se se rayang "go sokamisa" kgotsa "go retologa").[5]E itsege jaaka "Noka ya go boa" (gongwe ka gonne e ne e le fa dikepe di neng di retologa di bo di ya gae) kgotsa "noka ya go sokologa", e bua ka tsela ya yone e e sekameng.[5][6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Lake Volta, Ghana". Visible Earth. NASA. 7 April 2002. Retrieved 7 March 2018.
- ↑ "Akosombo Dam: Engineering Facts And History". Institution of Civil Engineers (ICE). 2026-05-23. Retrieved 2026-05-23
- ↑ "Ghana's Akosombo Dam, Volta Lake Fisheries & Climate Change | American Academy of Arts and Sciences". www.amacad.org. 2021-10-01. Retrieved 2026-05-23.
- ↑ Wissing, Kirsty (November 2019). "Assistance and resistance of (hydro-)power: Contested relationships of control over the Volta River, Ghana". Environment and Planning C: Politics and Space. 37 (7): 1167, 1169. doi:10.1177/0263774x18807482.
- 1 2 "volta | Search Online Etymology Dictionary". www.etymonline.com. Retrieved 2025-01-15
- ↑ Wilks, Ivor (1997). "Wangara, Akan, and Portuguese in the Fifteenth and Sixteenth Centuries". In Bakewell, Peter (ed.). Mines of Silver and Gold in the Americas. Aldershot: Variorum, Ashgate Publishing Limited. p. 15.