Jump to content

Noka ya Zambezi

Go tswa ko Wikipedia
Noka ya Zambezi

Noka ya Zambezi (e gape e bidiwang Zambeze le Zambesi) ke noka ya bone e telele go gaisa mo Afrika, noka e telele go gaisa e e elelang kwa botlhaba jwa Afrika le e kgolo go gaisa e e elelang mo Lewatleng la lefatshe la India go tswa mo Afrika. Metsi a yone a khurumetsa 1,390,000 km2 (540,000 mi2),[1][2]e e kwa tlase ga halofo ya noka ya Nile. Noka e e boleele jwa dikilometara di le dikete tse pedi ,makgolo a matlhao le masome a supa le bone e tlhoga kwa lefatsheng la Zambia mme e elela go ralala botlhaba jwa lefatshe la Angola, go bapa le molelwane wa bokone-botlhaba jwa Namibia le molelwane wa bokone jwa Botswana, go tswa foo go bapa le molelwane magareng ga lefatshe la Zambia le lefatshe la Zimbabwe go ya Mozambique, koo e kgabaganyang naga go ya go wela mo Lewatleng la India.[3][4]Karolo e e itsegeng thata ya Zambezi ke Victoria Falls. Diphororo tse dingwe tsa yone di akaretsa Chavuma Falls[5]le Ngonye Falls.[6]

Metswedi e mebedi e metona ya motlakase wa metsi mo nokeng ke Letamo la Kariba, le le tlamelang lefatshe la Zambia le lefatshe la Zimbabwe ka motlakase, le Letamo la Cahora Bassa kwa lefatsheng la Mozambique, le le tlamelang lefatshe la Mozambique le lefatshe la Afrika Borwa ka motlakase. Mo godimo ga moo, diteišene tse pedi tse dinnye tsa motlakase kwa lefatsheng la Zambia di kwa Victoria Falls le Zengamina.[7][8]

[fetola | Fetola Motswedi]

Noka e tswa mo dambo e ntsho, e e nang le matlhaka mo sekgweng se se kitlaneng, se se tletseng makhubu sa miombo makgolo a matlhano (50 km (31 mi) kwa bokone jwa Mwinilunga le masome a mabedi (20 km (12 mi) kwa borwa jwa Ikelenge mo Kgaolong ya Ikelenge ya Porofense ya Bokone-Bophirima, Zambia, mo e ka nnang sekete le makgolo a matlhano le masome a mabedi le bone (1,524 metres (5,000 ft) godimo ga bogodimo jwa lewatle.[9]Lefelo le le dikologileng motswedi ono ke lefelo la bosetšhaba la segopodiso, lefelo le le sireleditsweng la sekgwa, le lefelo le le botlhokwa la dinonyane.[10]

Go ela kwa botlhaba jwa motswedi wa metsi, molelwane wa metsi fa gare ga Melapo ya Congo le Zambezi ke molelwane o o supilweng sentle wa naga e e kwa godimo, o o tsamayang go tswa botlhaba go ya bophirima mme o wela ka bonako go ya kwa bokone le kwa borwa. Seno se kgaoganya ka phepafalo noka ya Lualaba (karolo e kgolo ya noka e e kwa godimo ya Congo) le noka ya Zambezi. Mo tikologong ya motswedi wa noka, lefelo le le kgaoganyang metsi ga le tlhalosiwe sentle, mme melapo e mebedi ya dinoka ga e kopane.[11]

Kgaolo e e nosediwang ke noka ya Zambezi ke setlhaba se setoa se se nang le matlhakore a a kgaoganeng a a bogodimo jwa makgolo a robabongwe go ya ko sekete le makgolo a mabedi, se se bopilweng mo karolong e e kwa tengteng e e kwa kgakala ya dikhuti tsa metamorphic mme se kgabagantswe ke matlapa a a mogote a Victoria Falls. Kwa Chupanga, kwa karolong e e kwa tlase ya Zambezi, go na le matlapa a masetlhana a a serolwana le botala jwa motlhaba, a ka dinako tse dingwe a nang le lekgwamolelo, a a tlhagelelang mo boalong jwa noka ka paka ya komelelo, mme a nna a ntse a le teng go feta kwa Tete, koo a kopanngwang teng le dikhuti tse dikgolo tsa magala. Magala a fitlhelwa gape le mo kgaolong e e fa tlase ga Victoria Falls. Maje a a nang le gouta a fitlhelwa mo mafelong a le mmalwa.[12]

Karolo e e kwa Godimo ya Zambezi

[fetola | Fetola Motswedi]

Noka e elela go ya kwa borwabophirima go ya kwa lefatsheng la Angola ka makgolo a mabedi le masome a mane (240 km (150 mi), mme morago ga moo e kopanngwa ke dinoka tse di kgolo tse di jaaka Luena le Chifumage tse di elelang go tswa kwa dithabeng go ya kwa bokone-bophirima. [11]E retologela kwa borwa mme e nna lefelo le le nang le merwalela, le le nang le pharologano e kgolo ya bophara magareng ga dipaka tse di omileng le tsa dipula. E tsena mo sekgweng se se kitlaneng sa Cryptosepalum se se nnang se le setala, le fa go ntse jalo, mo letlhakoreng la yone la bophirima, go na le bojang jwa kwa Zambezia Bophirima. Fa e boela gape kwa Zambia, e bophara jwa 400 m (1,300 ft) ka paka ya dipula mme e elela ka bonako, ka diphefo tse di felelang kwa Chavuma Falls, koo noka e elelang ka phatlha ya matlapa. Noka e wela kwa godimo ka makgolo a mane (400 m (1,300 ft) go tswa kwa motsweding wa yone kwa sekete le makgolo a matlhano (1,500 m (4,900 ft) go ya kwa Chavuma Falls kwa sekete le lekgolo (1,100 m (3,600 ft), mo sekgaleng sa makgolo a mane (400 km (250 mi). Go tswa mo ntlheng eno go ya kwa Victoria Falls, bogodimo jwa lekadiba bo tshwana fela, bo wela fela ka lekgolo le boferabobedi (180 m (590 ft) go kgabaganya sekgala sa dikilometara di le makgolo a robangbobedi (800 (500 mi).[13]

Noka ya ntlha ya dinoka tse dikgolo tse di elelang mo Nokeng ya Zambezi ke Noka ya Kabompo e e kwa metsana ya Bokonebophirima jwa Zambia. Naga e noka eno e elelang mo go yone e fetoga lebala le legolo le le tletseng ka ditlhare tsa borassus. Go le gonnye go ela kwa borwa go na le motswedi wa Noka ya Lungwebungu. Eno ke tshimologo ya Barotse Floodplain, karolo e e itsegeng thata ya Zambezi e e kwa godimo, mme karolo e e kwa bokone ga e na merwalela e mentsi mme e akaretsa ditlhaketlhake tsa naga e e kwa godimo mo gare.[14]

Mo e ka nnang dikilometara di le masome a mararo kwa tlase ga motswedi wa Lungwebungu, naga e nna e e sephaphathi thata, mme lefelo le le tlwaelegileng la Barotse Floodplain le a bulega, ka merwalela e e fitlhang bophara jwa dikilometara di le masome a mabedi le botlhano ka paka ya dipula. Mo sekgaleng sa dikilometara di feta makgolo a mabedi go ela kwa tlase ga noka, modikologo wa morwalela wa ngwaga le ngwaga o laola tikologo ya tlholego le botshelo jwa batho, setšhaba le setso. Mo e ka nnang dikilometara di le masome a robabobedi kwa tlase, Luanginga, e e nang le melatswana ya yone e e elelang mo lefelong le legolo kwa bophirima, e kopana le Zambezi. Sekgala se se khutshwane kwa godimo kwa botlhaba, molapo o mogolo o kopana le one ka nako ya dipula ka go penologa ga thulaganyo ya Luampa/Luena.[11]

Kgakajana le fa noka eno e kopanelang teng le Luanginga, go na le Lealui, nngwe ya ditoropokgolo tsa batho ba Ba-Lozi, ba ba nnang kwa kgaolong ya Zambia ya Barotseland kwa metsana e e kwa Bophirima. Kgosana ya Ba-Lozi e na le nngwe ya dikago tsa yone tse pedi kwa Lealui; e nngwe e kwa Limulunga, e e kwa godimo mme e nna motsemogolo ka paka ya dipula. Go fuduga ga ngwaga le ngwaga go tswa kwa Lealui go ya kwa Limulunga ke tiragalo e kgolo, e e ketekiwang jaaka nngwe ya meletlo e e itsegeng thata ya Zambia, e leng Kuomboka.

Morago ga Lealui, noka e retologela kwa borwa-botlhaba. Go tswa kwa botlhaba, e tswelela go amogela melatswana e mennye e mentsi, mme kwa bophirima, ga e na melatswana e megolo ya dikilometara di le makgolo a mabedi le masome a mane . Pele ga moo, Diphororo tsa Ngonye le makhubu a a tlang morago ga tsone a kgoreletsa go tsamaya ka sekepe. Borwa jwa phororo ya Ngonye, noka e kgabaganyetsa kwa Namibia's Caprivi Strip.[11]Kwa tlase ga motswedi wa Noka ya Cuando le Noka ya Zambezi, noka e sokologela kwa botlhaba. Fano, noka eno e sephara e bile ga e boteng e bile e elela ka bonya, mme fa e ntse e elela go ya kwa botlhaba go ela kwa molelwaneng wa setlhaba se segolo sa bogare jwa Afrika, e fitlha mo mosimeng o Victoria Falls e welang mo go one.

Zambezi e e fa gare

[fetola | Fetola Motswedi]

Diphororo tsa Victoria, kwa Zambezi e e kwa godimo e felelang teng le kwa Zambezi e e fa gare e simologang teng

Diphororo tsa Victoria di tsewa e le molelwane fa gare ga noka e e kwa godimo le e e fa gare ya Zambezi. Ka fa tlase ga tsone, noka e tswelela go elela go ya kwa botlhaba mo e ka nnang makgolo a mabedi (200 km (120 mi), e kgabaganya dipota tse di tlhamaletseng tsa basalt masome a mabedi go ya go masome a marataro (66 go ya go 197 ft) go kgaogana mo dithabeng tse di makgolo a mabedi go ya go makgolo a mabedi le botlhano (250 m (660 go ya go 820 ft) kwa godimo. Noka eno e elela ka bofefo go ralala Batoka Gorge, mme e kgaosediwa gangwe le gape ke matlapa a lewatle. E tlhalositswe [15]jaaka nngwe ya maeto a a kgatlhisang thata a metsi a a phepa mo lefatsheng, e leng kgwetlho e kgolo thata mo bathong ba ba dirisang diketswana le ba ba dirisang diphaepe. Kwa morago ga mosima ono go na le melapo e le mmalwa e e felelang ka dikilometara di le makgolo a mabedi le bone kwa tlase ga Victoria Falls. Mo sekgaleng seno, noka e wela kwa tlase ka dimetara di le makgolo a mabedi le botlhano.

Ka nako eno, noka eno e tsena mo Letsheng la Kariba, le le neng la tlhongwa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a matlhano le borobabongwe (1959) fa go sena go wediwa go agiwa Letamo la Kariba. Letsha leno ke lengwe la matsha a magolo go a gaisa otlhe a a dirilweng ke batho mo lefatsheng, mme didirisiwa tse di fetlhang motlakase o o tswang mo metsing tse di leng mo letamong leno di naya bontsi jwa lefatshe la Zambia le lefatshe la Zimbabwe motlakase.

Noka ya Luangwa le ya Kafue ke melatswana e mebedi e megolo go gaisa e e elelang kafa molemeng wa noka ya Zambezi. Noka ya Kafue e kopana le noka e kgolo ka molatswana o o didimetseng, o o boteng wa bophara jwa dimetara di ka nna lekgolo le masome a robabobedi . Go tswa mo ntlheng eno, noka ya Zambezi e sokologa go ya kwa bokone mme e bo e tswelela e elela go ya kwa botlhaba. Kwa go kopanngwang le noka ya Luangwa (15°37' S), e tsena mo Mozambique.[16]

Zambezi e e fa gare e felela fa noka e tsenang mo Letsheng la Cahora Bassa, e e neng e le lefelo la diphefo tse di kotsi tse di itsegeng jaaka Kebrabassa; letsha leno le ne la tlhamiwa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le bone (1974) ka go agiwa ga Letamo la Cahora Bassa.[17]

Noka e e kwa tlase ya Zambezi

[fetola | Fetola Motswedi]

Noka ya Zambezi e e kwa tlase ya dikilometara di le makgolo a marataro le makgolo a matlhano go tswa kwa Cahora Bassa go ya kwa Lewatleng la India e kgona go tsamaisiwa ka dikepe, le fa gone noka eno e se boteng mo mafelong a le mantsi ka paka ya komelelo. Noka eno e nna e se boteng fa e tsena mo mokgatšheng o o atlhameng mme e bo e anama mo lefelong le legolo. Noka eno e dikologilwe ke dithaba tse di kwa godimo mo lefelong le le lengwe fela, e leng Lupata Gorge, e e leng dikilometara di le makgolo a mararo le masome a mabedi go tswa mo molomong wa yone. Fano, e bophara jwa dimetara di le makgolo a mabedi fela. Mo mafelong a mangwe e bophara jwa dikilometara di le tlhano go ya go di le boferabobedi mme e elela ka iketlo mo melatswaneng e le mentsi. Noka eno e na le motlhaba, mme dintshi tsa yone di kwa tlase e bile di na le matlhare a lotlhaka. Le fa go ntse jalo, kwa mafelong mangwe, segolobogolo ka paka ya dipula, melatswana eno e kopana go nna noka e le nngwe e kgolo e e elelang ka bonako.

Mo e ka nnang dikilometara tse lekgolo le masome a marataro go tswa kwa lewatleng, Noka ya Zambezi e amogela metsi a Letsha la Malawi ka Noka ya Shire. [11]Fa noka eno e fitlha mo Lewatleng la India, e kgaogana go nna noka ya delta. Nngwe le nngwe ya metswedi e megolo ya metsi, Kongone, Luabo le Timbwe, e thibetswe ke motlhaba. Lekala le le kwa bokone, le le bidiwang molomo wa Chinde, le na le boteng jo bo kwa tlase jwa 2 metres (6 ft 7 in) kwa botsenong le 4 metres (13 ft) go ya kwa teng, mme ke lekala le le dirisediwang go tsamaisa dikepe. Mo e ka nnang dikilometara di le lekgolo go ya kwa bokone go na le noka e e bidiwang Quelimane, e e bidiwang ka toropo e e mo molomong wa yone. Noka eno, e e ntseng e gogomoga, e amogela metsi a a fetang a Zambezi ka paka ya dipula.[18]

  1. ↑ "Richard Beilfuss & David dos Santos: Patterns of Hydrological Change in the Zambezi Delta, Monogram for the Sustainable Management of Cahora Bassa Dam and The Lower Zambezi Valley (2001). Estimated mean flow rate 3424 m³/s" (PDF). Archived from the original (PDF) on 17 December 2008. Retrieved 18 October 2008
  2. ↑ International Network of Basin Organisations/Office International de L'eau: Archived 27 March 2009 at the Wayback Machine "Développer les Compétences pour mieux Gérer l'Eau: Fleuves Transfrontaliers Africains: Bilan Global." (2002). Estimated annual discharge 106 km3, equal to mean flow rate 3360 m3/s
  3. ↑ "Zambezi River | river, Africa". Encyclopedia Britannica. Archived from the original on 2 May 2021. Retrieved 20 May 2021.
  4. ↑ "Zambezi River Facts and Information". www.victoriafalls-guide.net. Archived from the original on 7 May 2023. Retrieved 27 May 2021
  5. ↑ "Chavuma Falls | waterfall, Zambia | Britannica". www.britannica.com. Archived from the original on 26 June 2022. Retrieved 26 June 2022
  6. ↑ "Zambia Tourism: Waterfalls". Zambia Tourism. Archived from the original on 7 April 2020. Retrieved 25 June 2022
  7. ↑ Pasanisi, Francesco; Tebano, Carlo; Zarlenga, Francesco (March 2016). "A Survey near Tambara along the Lower Zambezi River". Environments. 3 (1): 6. doi:10.3390/environments3010006
  8. ↑ "Zengamina Hydro Project | North West Zambia Development Trust". Archived from the original on 23 April 2022. Retrieved 18 April 2022
  9. ↑ "Dilapidated Zambezi Source Site Worry Ikelenge DC". muvitv.com. Muvi TV. Archived from the original on 4 September 2015. Retrieved 1 August 2015
  10. ↑ "ZM002 Source of the Zambezi". birdlife.org. Birdlife International. Archived from the original on 4 September 2015. Retrieved 1 August 2015.
  11. 1 2 3 4 5 Dorling Kindersley, pp. 84–85
  12. ↑ Ashton, Peter; Love, David; Mahachi, Harriet; Dirks, Paul. "An Overview of the Impacts of Mining and Mineral Processing Operations on Water Resources and Water Quality in the Zambezi, Limpopo AND Olifant Catchments in Southern Africa" (PDF). International Institute for Environment and Development. Mining, Minerals and Sustainable Development Project, Southern Africa. Archived (PDF) from the original on 14 November 2020. Retrieved 13 November 2020.
  13. ↑ Page, Geology (25 November 2014). "Zambezi River". Geology Page. Archived from the original on 20 May 2021. Retrieved 20 May 2021
  14. ↑ "Zambezi River Facts and Information". www.victoriafalls-guide.net. Archived from the original on 7 May 2023. Retrieved 22 May 2021
  15. ↑ Edington, Sean (29 December 2020). "Is rafting on the Zambezi River below The Victoria Falls Dangerous?". SAFPAR. Archived from the original on 20 May 2021. Retrieved 20 May 2021.
  16. ↑ Valkenburgh, Blaire Van; White, Paula A. (20 April 2021). "Figure 1: Map showing location of Luangwa Valley and Greater Kafue Ecosystem in Zambia". PeerJ. 9: e11313. doi:10.7717/peerj.11313/fig-1
  17. ↑ "GAZ Term "Zambezi River" (GAZ:00044898)". archive.gramene.org. Archived from the original on 20 May 2021. Retrieved 20 May 2021
  18. ↑ "Zambezi - Encyclopedia". theodora.com. Archived from the original on 20 May 2021. Retrieved 20 May 2021