Jump to content

Noka ya Ziz

Go tswa ko Wikipedia
Noka ya Ziz
Noka ya Ziz mo mafaratlhatlheng a noka ya Daoura
MouthSekaka sa Algeria
Basin countriesMorocco Algeria
Length282 km (175 mi)

Noka ya Ziz[1] ke noka e e kwa borwa jwa Morocco le Algeria. E na le motswedi kwa dithabeng tsa High Atlas kwa Morocco, e elela dikhilomithara di le makgolo a mabedi, masome a robabobedi le bobedi go ya kwa sekakeng sa Sahara kwa Algeria. Le ntswa go elela ga metsi mo moalong wa noka ya Ziz go sa diragale ka dinako tsotlhe, metsi a yone a tswa bogologolong a dirisediwa go tsamaisa batho mo kgaolong e e dithaba.

Ditoropo tse di mo lotshitshing lwa noka ya Ziz di akaretsa Errachidia, Erfoud le Sijilmassa. Go na le letamo (letamo la Hassan Ad Dakhil) mo nokeng ya Ziz gaufi le Errachidia,[2] le le isang metsi a a nowang le a a nosetsang kwa mokgatsheng, go na le matangwana a le mmalwa kwa tlase a a thusang mo go tsa temothuo.

Ditshwanelo tsa metsi

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo lotshitshing lwa noka ya Ziz go na le molao o o tlwaelesegileng, kwa motse mongwe le mongwe le motho mongwe le mongwe wa motse a nang le tshwanelo ya tiriso le go ga metsi a noka ya Ziz. Metsi a faposiwa kwa mafelong a a bophara go dira mosele o o nosetsang ditlhare tsa palm le dijalo tse dingwe ga mmog le go isa metsi kwa maageng.

  1. "مطعم يُحوّل حياة سكان "وادي زيز" إلى جحيم". Hespress (in Arabic). Retrieved 2026-06-29
  2. "Ziz River". Encyclopædia Britannica on line. Encyclopædia Britannica, Inc. Archived from the original on 2008-06-16. Retrieved 2026-06-29