Jump to content

Nolo Phiri

Go tswa ko Wikipedia
Nolo Phiri
Tsalo
Lehlogonolo Phiri

(1987-08-02) 2 August 1987 (age 38)
Tiro
  • Actress
  • film director
  • producer
Dingwaga tsa a le mo tirong2017–present
Notable work
Losing Lerato
Losing Lerato 2
TelevisionRhythm City

Nolo Phiri (o tshotswe ka Tlhakole a le gane, 1987)[1] ke modiragatsi wa Aforika Borwa, motlhagisi wa thelebišene, mmakgwebo le mokaedi, yo o itsegeng thata ka seabe sa gagwe jaaka Niki mo polelong ya Aforika Borwa ya Rhythm City le Losing Lerato (2019).

Botshelo jwa pele le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Nolo Phiri o goletse kwa Johannesburg, kwa a neng a simolola go kgatlhegela botaki gone a sa le monnye. O tsene Sekolo sa Bosetšhaba sa Bofiragatsi (NSA) kwa Johannesburg, kwa a neng a dira dithuto tse dikgolo tsa Botdiragatsi gone. Moragonyana, o ne a dira dikirii ya Bodiragatsi jwa Drama kwa Yunibesithing ya Witwatersrand, a tokafatsa bokgoni jwa gagwe go ya pele le go tlhaloganya tiro eo ka tsela e e tseneletseng.[2]

Bodiragatsi

[fetola | Fetola Motswedi]

Nolo Phiri o ne a amogelwa ke batho botlhe ka ntlha ya go tshwantsha ga gagwe Niki, lekgarebe le le nang le mathata, mo Rhythm City.[3] Tiragatso ya gagwe e ne ya akgolelwa boteng jwa yone le boammaaruri jwa yone, mme seno sa dira gore a nne le balatedi ba bantsi le go akgolwa ke batshwayadiphoso. Moanelwa wa ga Phiri o ne a le botlhokwa mo go bontsi jwa Rhythm City, Phiri o tlhageletse mo dipontshong tse dingwe tse di farologaneng tsa thelebišene le difilimi.[4]

Morago ga go tlogela Rhythm City,[5][6][7] Phiri o ne a tshameka mo difiliming tse di atlegileng mo kgwebong go akaretsa le Losing Lerato ya ga Kagiso Modupe (2019) le Home Wrecker (2023) e e neng ya atlega mo mabokosong.[8][9]

Go tlhagisa le go kaela

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo godimo ga go diragatsa, Nolo Phiri gape o nnile le seabe se segolo jaaka motlhagisi le mokaedi wa thelebišene. O dirile mo diporojekeng di le mmalwa tsa thelebišene tsa Aforikaborwa mme o nnile le seabe mo bokgoning jwa go tlhama le jwa go tlhagisa.[10][2]

Tiro ya kgwebo

[fetola | Fetola Motswedi]

Letshwaolakgwebo la mokgabo la ga Nolo Phiri le ne la gololwa ka 2016 ka tirisanommogo le batlhami ba Apples and Oranges‚ kwa Johannesburg.[3]

Bodiragatsi

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Setlhogo Karolo Dinopolo
2019 Losing Lerato Detective Nkala
2023 Home Wrecker
2024 Losing Lerato 2 Detective Nkala

Thelebishine

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Setlhogo Karolo Dinopolo
2007 Rhythm City Niki Main cast

Go dira difilimi

[fetola | Fetola Motswedi]

Tsa go tlhagisa fela

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. Gitonga, Ruth (2019-10-11). "Nolo Phiri: A beauty that keeps people glued to their screens". Briefly. Retrieved 28 Phalane 2025.
  2. 1 2 Malatsi, Lethabo. "Actress Nolo Phiri on her production company - 'I'm very passionate about extending opportunities'". Truelove. Retrieved 28 Phalane 2025.
  3. Makhele, Tshepiso (2016-05-04). "Rhythm City actress launches a clothing line". The Citizen. Retrieved 28 Phalane 2025.
  4. Masuluke, Koketso (2018-11-13). "Phindile Gwala and Nolo Phiri to return to your screens". Bona Magazine. Retrieved 28 Phalane 2025.
  5. Kandi, Privie (2023-08-31). ""She's a queen": Fans applaud Nolo Phiri for producing 'Umkhokha: The Curse'". Briefly. Retrieved 28 Phalane 2025.