Jump to content

Noloyiso Sandile

Go tswa ko Wikipedia
Noloyiso Sandile
Aah! Noloyiso
PredecessorMaxhobáyakhawuleza Sandile
SuccessorJonguxolo Sandile
TsaloNomusa Jeanette kaBhekuzulu
Phukwi a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1963
Nongoma
LesoPhukwi a robabobedi ngwaga wa 2020
Mdantsane Kapa Botlhaba]]
Phitho
Mngqesha, Qonce
SpouseMaxhobáyakhaquleza Sandile
Mathatamohumagatsana NomaRharhabe Sandile, Kgosi Jonguxolo Sandile
NtloZulu
RraagweCyprian Bhekuzulu kaSolomon
MmagweMavis Zungu

Mohamagadi (iKumkanikazi) Noloyiso Sandile (o o tshotsweng ka leina la Nomusa kaBhekuzulu; ka Phukwi a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1963 - a tlhokafala ka Phukwi a robabobedi ngwaga wa 2020) e ne e le wa bogosi kwa Aforika Borwa.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a le mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Mohumagatsana Nomusa kaBhekuzulu e ne e le morwadie kgosi ya ma Zulu wa nako eo Cyprian Bhekuzulu kaSolomon le mongwe wa basadi ba gagwe, Mavis Zungu, o a neng a itsege thata ka leina la Ndlukulu Gwabini. batsalwa le ene ba akaretsa Kgosi Goodwill Zwelithini kabhekuzulu, Kgosana Mbonisi, le mohumagatsana Thembi kaBhekuzulu Ndlovu.[1][2][3][4]

Nomusa o tsene sekolo kwa Star of the Sea High School, a ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa KwaGqikazi College of Education.

Lonyalo le bogosi

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1988, Nomusa o ne a nyalwa ke kgosi ya ntlo ya bogosi ya AmaRharhabe Maxhobáyakhawuleza. Lolwapa loora Sandile le morafe wa AmaRharhabe o ne a wa fa tlotla ya leina Noloyiso, ka a ne a tsaya boikarabelo jwa ditiro tsa bogosi e le mohumagadi o o tshwareletseng. Bobedi joo ba ne ba na le bana ba babedi, mohumagatsana NomaRharhabe (a tshotswe ka 1990), le Kgosi Jonguxolo Sandile (a tshotswe ka 1992).

Morago ga loso lwa monna wa gagwe ka 2011, Noloyiso one a thapiwa go nna mohumagadi o o tshwareletseng le moeteledipele wa bogosi jwa AmaRharhabe, maemo a a nnileng mo go one go fitlhelela a tlhokafala ka 2020.

Loso lwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Sandile o tlhokafatse ka Phukwi a robabobedi ngwaga wa 2020 kwa Mdantsane ka ntlha ya malwetsi a a tsamaelanang le segajaja sa COVID-19 kwa Aforika Borwa. Mmueledi wa AmaRharhabe, kgosana Zolile Burns-Ncamashe o ne a ntsha mokwalo o o tlhomamisang go tlhokafala ga mohumagadi.

Maemo a bogosi
O o tsileng pele ga gagwe

Maxhobáyakhawuleza

Kgosi wa bogosi jwa ma Xhosa (Rharhabe)

2011 go tsena 2020

Motlhatlhami

Jonguxolo Sandile

  1. Karrim, Azarrah. "Ramaphosa mourns death of Queen Noloyiso: 'An inspiring leader of her people'". News24.
  2. "AmaRharhabe Kingdom Queen Regent Noloyiso Sandile dies". eNCA. Archived from the original on 9 July 2020. Retrieved 15 December 2025
  3. Wire, News24 (9 July 2020). "King Goodwill Zwelithini 'heartbroken' he could not save his sister's life".
  4. "Queen Noloyiso Sandile dies after contracting COVID-19 - SABC News - Breaking news, special reports, world, business, sport coverage of all South African current events. Africa's news leader". 8 July 2020.