Noluthando Mayende-Sibiya
| Noluthando Mayende-Sibiya | |
|---|---|
| Mopalamente | |
| In office 2009 – Tlhakole a robabongwe ngwaga wa 2011 | |
| Tona wa bomme, banana, bana le batho ba batshelang ka bogole | |
| In office Motsheganong a le lesome le motso ngwaga wa 2009 – Phalane a le masome mararo le motso ngwaga wa 2010 | |
| President | Jacob Zuma |
| Morago Ga Gagwe | Lulu Xingwana |
| Tautona wa lekgotla la babereki ba thuto le botsogo | |
| In office 2004–2009 | |
| Pele Ga Gagwe | Vusi Nhlapo |
| Morago Ga Gagwe | Mzwandile Makwayiba |
| Ka Ga Ena | |
| Mokgatlho | African National Congress |
| Dikamano tse dingwe tsa sepolotiki | South African Communist Party |
Noluthando Mayende-Sibiya ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa le leloko la lekgotla la babereki o e neng e le tona wa ntlha wa bomme, banana, bana le batho ba ba tshelang ka bogole go tswa ka Mostheganong 2009 go tsena Phalane 2010. Pele ga foo, e ne e le motho wa mme wa ntlha go nna tautona wa lekgotla la babereki ba thuto le botsogo go tswa ka 2004 go tsena 2009.
Ke mooki ka tiro, Mayende-Sibiya o nnile leloko la Nehawu kwa Natale ka 1988, Ka nako ya gagwe mo ofising eo e le tautona wa lekgotla leo, e ne e le motho o o nang le thotloetso e e kwa godimo mo bokopanong jwa diphathi tse tharo: go tswa ka 2007 go tsena 2012; o berekile mo komitng ya legare ya phathi ya Communist le mo komiti-kgolo ya African National Congress (ANC).
Pele ga ditlhopho tsa 2009, Mayende-Sibiya o ne a ya palamenteng a thapilwe ke tautona Zuma go nna bontlha jwa khuduthamaga ya gagwe. O ne a nna mo ofising sebaka sa dingwaga tse pedi pele ga a kobiwa ka Phalane 2010. Morago ga foo, o ne a tswelela a le mo palamenteng dikgwedi tse dingwe tse tharo, a ithola marapo ka Tlhakole 2011 fa Zuma a mo thapa go nna moemedi wa Aforika Borwa kwa Egypt.
Botshelo jwa a le mmotlana le tiro ya booki
[fetola | Fetola Motswedi]Sibiya o fediste dingwaga tsa bonana jwa gagwe kwa Swaziland morago ga gore lolwapa lwa gagwe lo tshabele koo ka nako ya puso ya tlhaolele.[1] O ithutetse booki kwa McCord School of Nursing kwa Durban ka 1983, dingwaga di le pedi morago a nna mmelegisi kwa sepateleng sa King Edward Memorial.[2] Go tswa ka 1985 go tsena 2007, e ne e le mooki kwa sepateleng sa Prince Mshiyeni kwa Umlazi, a tlhatloga maemo go nna mooki mogolo koo ka 2007. [2]Fa godimo ga go nna leloko la makgotla a pereko, Mayende-Sibiya e ne e le leloko la United Democratic Front, lekgotla le le neng le le kgathanong le puso ya tlhaolele ka dingwaga tsa 1980.[1][3]
Tiro ya lekgotla la pereko: 1988 go tsena 2009
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 1988, fa a bereka kwa Prince Mshiyeni, Mayende-Sibiya o ne a nna leloko la lekgotla la babereki ba thuto le botsogo (Nehawu)[1], e ne e le mongwe wa babereki ba ntlha go nna leloko la lekgotla leo ka nako eo fa bontsi jwa maloko a lone e ne e le babereki ba ditiro tsa diatla[4]. Sdumo Dlamini e ne e e le mooki le leloko la lekgotla kwa sepateleng seo. Mayende-Sibiya o ne a tlhatloga maemo go nna mothusa tautona wa lekgotla leo go tswa ka 1998 go stena 2004, ka nako ya botautona jwa ga Vusi Nhlapo.[2]
Tautona wa Nehawu
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Phukwi 2004, kwa bokopanong jwa Nehawu kwa Pretoria, Mayende-Sibiya o ne a fenya Nhlapo mo botautoneng a fenya ka dilthopho di le makgolo mabedi, masome a mane le boraro fa Nhlapho ene a bone di le lekgolo, masome a mararo le borataro.[4] E ne e le mosadi wa ntlha go nna mo maemong ao[1][3], tlhopho ya gagwe e ne e bonwa e le phenyo mo lekgamung la molema la lekgotla leo.[4]
Palamente: 2009 go tsena 2011
[fetola | Fetola Motswedi]Ka dilthopho tsa Moranang 2009, mayende-Sibiya o ne a tlhopiwa go nna mopalamente. E ne e le mongwe wa maloko a makgotla a babereki ba le bararo ba bangwe e le Alina Rantsolase le Thulas Nxesi - o a neng a emetse ANC ka bokopano jwa diphathi tse tharo.[5] O dule mo ofising ya gagwe ya Nehawu go tsaya manno ao; o ne a tlhatlhamiwa ke mothusi wa gagwe wa pele, Lulamile Sotaka go fitlhelela Mzwandile Makwayiba a tlhophiwa go mo tlhatlhama ga sennela ruri ka Phalane 2010.[6]
Tona
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Motsheganong a le lesome ngwaga wa 2009, Mayende-Sibiya o ne a thapiwa setlha sa gagwe sa ntlha mo khuduthamageng ya ga Jacob Zuma.[7] [8]O ne a neelwa maemo a tona wa bomme, banana, bana le batho ba ba tshelang ka bogole, e le lephata le lesha le go tlhamiwa ga lone go rotloeditsweng ke tumalano ya bokopano jwa masome matlhano lebobedi jwa ANC.[9]
Ka Ngwanatsele 2009,[10] dipego tsa bobegadikgang di ne tsa simolola go tlhagelela tse mo go tsone metswedi go tswa mo lephateng e neng e simolola go botsa ka go kgona ga ga Mayende-Sibiya.[11][12][13] Fa ngwaga o fela, pampiri ya Mail & Guardian e ne ya bega gore le ntswa Mayende-Sibiya a na le thotloetso e ntsi mo ANC le SACP, lephata la gagwe le tlhaela lenaneo le le tlhamaletseng, ebile ga ise a buisane le ditlhopha tsa bomme. Ka 2010, tlhopho ya babadi ya pampiri eo e ne ya re Mayende-Sibiya ke mongwe wa matona a a sa itsegaleng a mararo mo khuduthamageng. Lekgotla la bomme la ANC le ne le sa kgotsofalele ka fa a dirang ka teng, mme modulasetilo wa ANC Baleka Mbete o ne a mmuelela ka Lwetse 2010, are o ntshiwa ka loso logolo ka ke mosadi.
Ka Phalane a le masome mararo le motso ngwaga wa 2010, tautona Zuma o ne a tswakanya matona a gagwe, Mayende-Sibiya a seka a tlhophiwa a tlhatlhamiwa ke Lulu Xingwana.[14] Phathi ya kganetso Democratic Alliance e ne ya amogela go rolwa marapo ga gagwe morago ya re o swabisitse lefatshe.[15] O ne a tswelela a le mo setilong sa bopalamente.[16]
Go ithola marapo
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Tlhakole 2011, go ne ga bolelwa gore Mayende-Sibiya o beilwe moemedi wa Aforika Borwa kwa Egypt.[17] Ka jalo o ne a itlhaola marapo mo palamenteng ka Tlhakole a robabobongwe, a tlogelela Judith Tshabalala setilo sa gagwe.[16] O gorogile kwa Cairo ka Moranang 2011.[18]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Mayende-Sibiya o nyetswe.[18] Ka Phatwe 2007, o ne a bua phatlalatsa ka maitemogelo a gagwe le tiriso dikgoka mo lonyalong lwa gagwe lwa pele, a re o tlogetse monna wa gagwe ka 1991 morago ga a sena go mo tshela lookwane lwa benzine a bo a mo tshuba ka molelo.[19]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 "Civil society: Labour". The Mail & Guardian. 1 August 2007. Retrieved 15 December 2025
- 1 2 3 "Noluthando Mayende-Sibiya, Ms". South African Government. Retrieved 15 December 2025
- 1 2 "Book of South African Women: Politics". The Mail & Guardian. 3 August 2009. Retrieved 15 December 2025
- 1 2 3 "Sho't left for Nehawu". The Mail & Guardian. 2 July 2004. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "Cosatu clamours for jobs". The Mail & Guardian. 2 May 2009. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "Zuma to face his critics". Sunday Times. 4 October 2010. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "More women make up new Cabinet". South African Government News Agency. 10 May 2009. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "New Cabinet seen as coup for the left". The Mail & Guardian. 10 May 2009. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "Polokwane resolution #2: Women's ministry". The Mail & Guardian. 11 December 2012. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "Negative Reports Will Not Detract Ministry, Says Minister". BuaNews (Tshwane). 20 November 2009. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "Minister has arrived at work 'once or twice' this year". The Mail & Guardian. 12 February 2010. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "Women's ministry 'drowning'". The Mail & Guardian. 13 November 2009. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "Mampara of the week: Noluthando Mayende-Sibiya". Sunday Times. 31 October 2010. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "Zuma replaces seven ministers in reshuffle". The Mail & Guardian. 31 October 2010. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "DA flunks govt in year-end scorecard". The Mail & Guardian. 2 December 2010. Retrieved 15 December 2025
- 1 2 "Members of the National Assembly". Parliamentary Monitoring Group. Archived from the original on 9 February 2014. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "From the presidency to 'ice-cream mission' to Zim". The Mail & Guardian. 28 February 2011. Retrieved 15 December 2025
- 1 2 "Nursing diplomacy in Egypt". News24. 3 March 2012. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "Union leader shares her moment of fortitude". IOL. 9 August 2007. Retrieved 15 December 2025