Nomaindiya Mfeketo
| Nomaindiya Mfeketo | |
|---|---|
| Moemedi wa lefatshe la Aforika Borwa kwa America | |
| In office Mopitlo 2020 – Phatwe 2023 | |
| President | Cyril Ramaphosa |
| Pele Ga Gagwe | M J Mahlangu |
| Mmatoropo wa Kapa | |
| In office 1998–2000 | |
| Pele Ga Gagwe | Gerald Morkel |
| Morago Ga Gagwe | Peter Marais |
| In office 2002–2006 | |
| Pele Ga Gagwe | Gerald Morkel |
| Morago Ga Gagwe | Hellen Zille |
| Tona wa bonno | |
| In office 2018–2019 | |
| Pele Ga Gagwe | Lindiwe Sisulu |
| Morago Ga Gagwe | Lindiwe Sisulu |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Tlhakole a le malatsi a marataro ngwaga wa 1952 |
| Mokgatlho | African National Congress |
Nomaindiya Mfeketo ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa o o berekileng e le moemedi wa Aforika Borwa kwa United States go tswa ka 2020 go tsena 2023, e le tona wa tsa bonno go tswa ka 2018 go tsena 2019,mothusa tona wa tsa mafatshe a sele le tirisanommogo go tswa ka 2009 go tsena 2014,[1]le mmatoropo wa Kapa go tswa ka 1998 go tsena 2000 le ka 2002 go tsena 2006.
Tsa Pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Pele ga a tsenelela polotiki,Mfeketo o bereketse makgotla a e seng a puso a le mmalwa. Go tswa ka 1981 go tsena 1991 Mfeketo o berekile mo lekgotleng le le ikemetseng la temothuo la ZAKH morago a ya go berekela lekgotla la Social Change Assistance Trust (SCAT) go tswa ka 1991 go tsena 1992. Go tswa ka 1992 go tsena 1994, Mfeketo o ne a berekela Development Action Grouo (DAG) mo tirong ya go aga matlo.[2][3][4]
Tiro ya sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 1993, o ne a tsaya karolo mo dipuisanong tsa go kopanya ditirelo tsa lefatshe le tse e seng tsa puso go baakanyetsa go fetogela kwa pusong ya batho ba ditso tse difarologaneng ga Aforika Borwa. Morago ga go bereka kwa DAG ga ga Mfeketo,o ne a tlhophiwa modulasetilo wa khansele ya ntlha ya puso ya batho ka batho kwa Kapa go tswa ka 1996 go tsena 1998 ka nakwana.[1]
Mmatoropo
[fetola | Fetola Motswedi]O ne a nna mosadi wa bone, e le wa ntlha wa mmala o montsho go nna mmatoropo wa toropo fa a ne a le mo maemong ao ka nakwana ka 1998.[1] O ne a tlhophiwa mmatoropo gape morago ga go fetogela kwa diphathong tse dingwe mo go neng ga fa phathi ya gagwe ya African National Congress (ANC), palo e ntsi mo khanseleng ya 2002, a tlosa Gerald Morkel wa Democratic Alliance (DA).[5] O ne a mma mo maemong ao fo fitlhelela DA e nna mo taolong ya khansele gape ka 2006, morago Hellen Zille a tsaya puso. Mfeketo o dule mo ofising la ntlha ya go supiwa ka monwana ka tshenyetso setshaba, go thapa ba losika le go tlhoka go okamela sentle.[6][7]
Palamente
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 2007, Mfeketo o ne a tlhophiwa go nna mo komiting ya ANC. Ka Motsheganong a le malatsi a marataro ngwaga wa 2009, Mfeketo o ne a tlhophiwa go nna mothusa motsamaisa dipuisano tsa palamente.[8] Mfeketo o nnile mo maemong a go fitlhelela ka Motsheganong a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2014, fa a ne a tlhatlhamiwa ke tona wa pele wa tirisanommogo,Lechesa Tsenoli.
Ka 2009, phathi ya DA e ne ya tswa ka magatwe a gore Mfeketo o amogetse kago ya manobonobo ya didikadike di robabobedi e le bontlha jwa lenaneo le la puso la matlo a matona kwa Kapa le Pretoria le ntswa a ne a le lefelo la bonno dikhilomithara di robabongwe kgakajana.[9]
Moemedi wa lefatshe
[fetola | Fetola Motswedi]Mfeketo o ne a tlhomiwa moemedi wa Aforika Borwa kwa United States ka 2020. Ditiro tsa gagwe jaka moemedi wa Aforika Borwa di kgadilwe ke babegadikgang ba Aforika Borwa, ba re ke matlhabisa ditlhong a matona[10] le gore ke tlhakatlhakano.[11]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Deputy minister Mfeketo Parliament. Retrieved 17 November 2025
- ↑ "Ambassador – Embassy of South Africa". DIRCO. 2020. Retrieved 17 November 2025
- ↑ "Nomaindiya Cathleen Mfeketo, Ms | South African Government". www.gov.za. Retrieved 17 November 2025
- ↑ "Nomaindiya Cathleen Mfeketo". People's Assembly. Retrieved 17 November 2025
- ↑ "Cape Town's new mayor takes office". 30 October 2002.
- ↑ Steenkamp, Willem; Gophe, Myolisi (30 July 2005). "Cape Town's mayor 'must go'". IOL.
- ↑ "From mayor to premier?". The Mail & Guardian. 17 January 2008. Retrieved 17 November 2025
- ↑ Sisulu accepts his job with humility
- ↑ John Steenhuisen & Winston Rabotapi (31 August 2011). "This is Nomaindia Mfeketo's new R8m mansion - DA". Democratic Alliance. Retrieved 17 November 2025
- ↑ du Preez, Max (30 June 2023). "Political Notebook | Pandor(a)'s box of failures". Vrye Weekblad (in Afrikaans). Retrieved 17 November 2025
- ↑ Niekerk, Phillip van (18 May 2023). "Washington sours on ANC: Agoa and Pepfar at risk". Daily Maverick. Retrieved 17 November 2025