Jump to content

Nomfunelo Mabedla

Go tswa ko Wikipedia

Nomfunelo Rose-Mary Mabedla ke mopolotiki wa Aforika Borwa yo o emetseng African National Congress (ANC) le mokgatlho wa badiri. O kile a nna leloko la Palamente ya kokoano ya Bosetšhaba fa gare ga 2009 le 2014.[1]

Tiro ya pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Mabedla o simolotse tiro ya gagwe ya sepolotiki jaaka moemedi wa ditlhopho wa ANC ka 1994. Morago ga moo o ne a nna motlhokomedi wa lebenkele la Mokgatlho wa Badiri wa Bosetšhaba wa Thuto, Boitekanelo le ba ba Amanang go tloga ka 1996 go fitlha ka 2003 pele ga a nna mokwaledi wa selegae wa Khonkerese ya Mekgatlho ya Badiri ya Aforika Borwa.[2] Morago ga se ka 2005, o ne a nna mothusa modulasetulo wa ANC wa lekala la Mmasepala wa Kgaolo wa Joe Gqabi mmogo le go nna ramatlotlo wa bona.[1]

Leloko la Palamente

[fetola | Fetola Motswedi]
Folaga kwa ntlong ya segosi e Mabedla a neng a atlega go e dira letsholo la gore e tlosiwe

Mabedla o ne a tlhophiwa go nna Leloko la Palamente ka 2009 mo ditlhophong tsa kakaretso tsa Aforika Borwa mo tikologong ya Pixley ka Seme kwa bokone ba Cape. [3]Ka nako ya fa a le mo Palamenteng o ne a tlhophiwa go nna leloko la komiti ya Tshireletso.[1]Ka 2012, o ne a etelela pele letsholo la go tlosa folaga ya pele ya Aforika Borwa go tswa mo leboteng sla Castle of Good Hope kwa Cape Town. Pele ga moo folaga ya bogologolo e ne e ntse e fofa fa thoko ga folaga ya gompieno ya Aforika Borwa le folaga ya United Kingdom, folaga ya Kgosana le folaga ya Netherlands, e le tshupiso ya hisetori ya maatla a a busitseng Aforika Borwa. Mabedla a re difolaga tse di neng di fofa di ne tsa mo tshwenya ka gore o ne a akanya gore di ne di emela puso ya bomorafe ya batho ba e seng basweu ba Aforika Borwa le gore di tshwanetse go nna mo musiamong.[4] Ka go arabela, go ne ga dumalanwa gore difolaga tsotlhe ntle le folaga ya gompieno ya Aforika Borwa di ne di tshwanetse go tlosiwa mo seraleng mme di bewe mo musiamong wa ntlo ya phemelo.[5]

Ka 2014, o ne a emela go tlhophiwa gape mo palong lya bosetšaba ba ANC mo nomorong ya 160.[3] Le fa go ntse jalo, o ne a latlhegelwa ke setilo sa gagwe mo Palamenteng ka 2014 mo ditlhophong tsa kakaretso tsa Aforika Borwa go ya Democratic Alliance.[6]

  1. 1 2 3 "Nomfunelo Rose-Mary Mabedla". Parliament of South Africa. Retrieved 22-11-25
  2. "Nomfunelo Rose-Mary Mabedla". People's Assembly. Archived from the original on 7 November 2017. Retrieved 22-11-25
  3. 1 2 "Province represented on ANC list". The New Age. Retrieved 1 November 2017 – via PressReader.com.
  4. "Shock as CT's Castle removes old SA flag". News24. 23 November 2012. Retrieved 22-11-25
  5. "Row erupts over Castle flags". Cape Times. 30 November 2012. Retrieved 22-11-25
  6. "Seat Assignment, National" (PDF). Electoral Commission of South Africa. Retrieved 22-11-25