Jump to content

Nompumelelo Ntuli Zuma

Go tswa ko Wikipedia
Nompumelelo Ntuli Zuma
Mohumagadi wa Aforika Borwa
In office
Motsheganong a robabongwe ngwaga wa 2009  Tlhakole a le lesome le bone ngwaga wa 2018
Serving with Gertrude Sizakele Khumalo
PresidentJacob Zuma
Pele Ga GagweMapula Motlanthe
Morago Ga GagweTshepo Motsepe
Ka Ga Ena
O tsetsweNompumelelo Ntuli
MokgatlhoAfrican National Congress
Mo/BakapeloJacob Zuma
BanaBa le bararo

Nompumelelo Ntuli Zuma ke mohumagadi wa pele wa Aforika Borwa, ke mosadi wa gompieno wa bobedi wa ga Jacob Zuma, tautona wa pele wa Aforika Borwa.[1]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Lonyalo lwa ga Zuma lwa bone,gape e le mosadi wa bobedi, Nompumelelelo Ntuli (MaNtuli) ke mmaagwe bana ba ga Zuma ba le bararo, pele ga a mo nyala ka 2008 mo lonyalong lwa setso lo lo kgatlhileng bontsi jwa batho mo maranyaneng pele ga Zuma a nna ntlhopheng wa botautona. O na le bana ba le bararo: Manqoba Kholwani, Sinqobile, Thandisiwe.

Go lelekwa mo bonnong

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2015, go ne go na le magatwe a gore o ne a le bontlha jwa go leka go jesa monna wa gagwe botlhole. Ka jalo o ne a lelekwa kwa lolwapeng kwa nkandla.[2] O ne a tshwarwa ke lekgotla la tshiereletso, mme a gololwa morago. Dipatlisiso tsa morago di ne tsa supa fa go sena bosupi bope jwa botlhole kgotsa seabe sa gagwe mo go sone.[3] Tse di diragetseng ka nako ya a tshwerwe di santse di sekwasekwa.[4]

  1. "All the president's women". 4 January 2010.
  2. "Zuma's wife ousted over plot to poison him – report".
  3. "No evidence Jacob Zuma was ever poisoned, MaNtuli will not be prosecuted - NPA". News24. Retrieved 31 October 2025
  4. Mitchley, Alex. "Zuma's estranged wife MaNtuli allegedly detained unlawfully by SSA after poison plot". News24. Retrieved 31 october 2025