Nondumiso Tembe
Nondumiso Tembe | |
|---|---|
| Tsalo | Nondumiso Tembe 15 October 1987 Durban, South Africa |
| Alma mater | American Musical and Dramatic Academy The New School Alvin Ailey American Dance Theater British American Drama Academy David Geffen School of Drama at Yale University |
| Tiro | Actress, Singer, Songwriter, Dancer, Writer |
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 1996–present |
| Bolele | 1.63 m (5 ft 4 in) |
| Batsadis |
|
| Masika | Anele “Nelli” Tembe (sister) |
| Maranyane | http://www.nondumisotembe.com |
Nondumiso Tembe (o tshotswe ka Sedimonthole a le lesome le botlhano 1987), ke modiragatsi wa Aforika Borwa, seopedi, mokwadi wa dipina, sebini le mokwadi.[1] O itsege thata ka dikarolo mo difiliming tse dintsi tsa thelebišene tsa Hollywood jaaka; NCIS: Los Angeles, True Blood, Castle le Six.[2][3]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Tembe o tshotswe ka la bo 15 Sedimonthole 1987 kwa Durban, Aforika Borwa. Mmaagwe ke Linda Bukhosini mme rraagwe ke Bongani Tembe, ka bobedi e le diopedi tsa opera.[1] Fa a sa ntse a le ngwana, o ne a tswa mo Aforika Borwa a ya kwa United States, a boa a le dingwaga di le 10 morago ga bokhutlo jwa tlhaolele.[3] O ithutile bobogelo jwa mmino kwa Sekolong sa Mmino le Terama sa Amerika (AMDA). Morago ga moo o ne a aloga kwa Yunibesithing ya New York New School ka dikirii ya gagwe ya ntlha ya Botsweretshi jo bontle mo Bobogelong mme moragonyana a wetsa dikirii ya gagwe ya masetase mo Saenseng ya Sepolotiki.[4]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Tembe o simolotse go diragatsa mo opera le mo bobogelong kwa New York fa a le dingwaga di le 6. Fa a boa kwa Aforika Borwa, o ne a tshameka karolo ya setlhogo mo terameng ya serala ya Annie. Terama eno e ne ya ratwa thata mme ya nna phetogo e kgolo mo botshelong jwa gagwe. Ka terama eo, gape o ne a nna modiragatsi wa ntlha wa montsho go etelela pele batshameki ba merafe e e farologaneng mo tlhagisong e kgolo ya bobogelo mo Aforika Borwa morago ga Tlhaolele.[3] Morago ga moo o ne a tshameka karolo ya "Maria" mo terameng ya Letlalo la Lengau le karolo ya "Thobile" mo terameng ya Mata-Mata.[4] Kwa bobogelong jwa Los Angeles, o ne a tshameka mo terameng ya Romeo le Juliet ka seabe sa "Josephine Baker". Ka 2011, o ne a tlhagelela lekgetlo la ntlha mo thelebišeneng ka seabe se se boaboelediwang sa "Mavis wa sepoko" mo motseletseleng wa True Blood.[1]
Ka Sedimonthole 2013, o ne a kopanela le batshameki ba filimi e e tumileng ya sesepa, Dikokomana ka seabe sa "Phumelele Miya". Ka 2015, o ne a dira karolo ya go tshegetsa mo filiming ya Hollywood ya Avengers: Motlha wa Ultron. O ne a abelwa Modiragatsi yo o Gaisang wa Bobogelo jwa Mmino wa Mercury ka ntlha ya seabe sa gagwe mo mminong wa Cinderella o o tlhamilweng ke Rodgers le Hammerstein. Gape o fentse Modiragatsi yo o Gaisang mo setlhopheng sa Seabe sa Tshegetso ka nako ya Diawate tsa Bobogelo tsa Naledi ka ntlha ya seabe sa gagwe, "Susan" mo terameng ya ga David Mamet.[1]
Jaaka seopedi, o ne a dira alebamo ya gagwe ya ntlha e e bidiwang IZWI LAMI; Lentswe la me, le le golotsweng ka Ferikgong 2011.[4] O ne a tsaya karolo mo moletlong wa letsatsi la matsalo la bo 90 la ga Nelson Mandela kwa ntlong ya gagwe kwa Qunu jaaka modiragatsi yo o tlhageletseng.[1]
Bodiragatsi
[fetola | Fetola Motswedi]Filimi
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Setlhogo | Karolo | Dinopolo |
|---|---|---|---|
| 2015 | Avengers: Age of Ultron | Johannesburg Driver | |
| 2017 | Zulu Wedding | Lu Sabata | |
| Michael Jackson: Searching for Neverland | Grace Rwaramba | TV movie | |
| 2022 | Thoughts Are Things | Rochelle Turner | Short |
| 2023 | A Tourist's Guide to Love | Dom Fisher | [4] |
Thelebishine
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Setlhogo | Karolo | Dinopolo |
|---|---|---|---|
| 2010 | NCIS: Los Angeles | Linda Pierce | Episode: "Hunted" |
| 2011 | True Blood | Mavis | Recurring cast: Season 4 |
| 2012 | NCIS | Petty Officer First Class Josie Sparks | Episode: "Lost at Sea" |
| 2013-14 | Generations | Phumelele Miya | Regular Cast |
| 2015 | The Book of Negroes | Fanta | Episode: "Episode #1.1" |
| 2016 | Castle | Aida N'diaye | Episode: "And Justice for All" |
| 2017 | Six | Na'omi Ajimuda | Recurring cast |
Video games
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Setlhogo | Karolo | Dinopolo |
|---|---|---|---|
| 2018 | World of Warcraft: Battle for Azeroth | (Voice) | |
| 2021 | Hearthstone | (Voice) | Cariel Roame |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Ceves, James (13 June 2020). "Nondumiso Tembe: Is this successful actress the sister of AKA's new girlfriend?". Briefly. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "Nondumiso Tembe". www.steppenwolf.org. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "Nondumiso Tembe: TVSA". www.tvsa.co.za. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ Grobar, Matt (6 May 2022). "Ben Feldman, Missi Pyle & More Round Out Cast Of Netflix's Romance 'A Tourist's Guide To Love'". Deadline. Retrieved 30 Phalane 2025.