Norman Molomo
Norman Molomo ke radipolotiki wa Botswana. E ne e le mongwe wa bathei ba lekoko la Botswana Democratic Party (BDP). O ne a tlhophiwa go emela kgaolo ya Gaborone - Ramotswa ka ditlhopho tsa ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a maratro le botlhano jaaka leloko la BDP, a amogela ditalama di le dikete tse nne le masome a marataro le borobabongwe fa go bapisiwa le ditalama di le makgolo a marataro le masome a marataro le boraro tsa moganetsi wa gagwe. [1]Molomo o ne a direla mo Palamenteng ya ntlha ya Botswana mme morago a tsenela ditlhopho tsa ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le borobabongwe(1969) tsa kgaolo ya Mochudi, mme o ne a fenngwa ke Thari Motlhagodi wa Botswana People's Party.[2] O ne a amogela ditalama di le makgolo a marataro le masome a marataro le borataro.[1]
Molomo ke kgaitsadie Matlapeng Ray Molomo yo o nang le rre a le mongwe, mme bobedi jwa bone e ne e le maloko a mephato Mafiri. [3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Rethinking Kgosi Linchwe And The Extraordinary 1965 Election Result". Mmegi Online. 2016-05-08.
- ↑ Makgala, Christian John (2025). "Electoral History and Turnover Tradition in Botswana's Outlier Constituency of Kgatleng West". Botswana Notes and Records. 57 (Special Issue on Botswana's 2024 General Election): 310.
- ↑ Mosothwane, Morongwa Nancy (2001). "An ethnographic study of initiation schools among the Bakgatla ba ga Kgafela at Mochudi (1874-1988)". Pula: Botswana Journal of African Studies. 15 (1): 148.