Jump to content

Nosiviwe Mapisa-Nqakula

Go tswa ko Wikipedia
Nosiviwe Mapisa-Nqakula
Mapisa-Nqakula ka 2012
Motsamaisa dipuisano tsa palamente wa bosupa
In office
Phatwe a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 2021  Moranang a le malatsi a mararo ngwaga wa 2024
PresidentCyril Ramaphosa
DeputyLechesa Tsenoli
Pele Ga GagweThandi Modise
Morago Ga GagweLechesa Tsenoli (a tshwareletse) Thoko Didiza
Tautona wa lekgotla la basadi la African National Congress
In office
Phatwe a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 2003  Phukwi a le malatsi a marataro ngwaga wa 2008
DeputyMavivi Manzini
Pele Ga GagweWinnie Madikizela-Mandela
Morago Ga GagweAngie Motshekga
Ka Ga Ena
O tsetsweNgwanatsele a le lesome le boraro ngwaga wa 1956
Kapa Bophirima Union of South Africa
MokgatlhoAfrican National Congress
Mo/BakapeloCharles Nqakula

Nosiviwe Mapisa-Nqakula (Mapisa; o o tshotsweng ka Ngwanatsele a le lesome le boraro ngw aga wa 1956) ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa wa phathi ya African National Congress (ANC). E ne e le tona go tswa ka 2004 go tsena 2021 le motsamaisa dipuisano tsa palamente go tswa ka 2021 go tsena 2024. E le tautona wa lekgotla la bomme ba ANC wa pele, o ne a tlhophiwa go nna leloko la komiti ya ANC go tswa ka 2002 go tsena 2022.

A godiseditswe kwa Kapa botlhaba, Mapisa-Nqakula o rutetswe borutabana, a bereka mo tlhabololong banana go fitlhelela ka 1984, fa a ne a tswa kwa Aforika Borwa, go tshaba le ba Umkhonto we Sizwe. O ne a boela mo lefatsheng ka 1990 a nna morulaganyi wa lekgotla le le neng le sa tswa go ntśhafadiwa la ANC la bomme; morago o ne a nna mokwaledi wa lone go stwa ka 1993 go tsena 1997 ka fa tlase ga ga tautona Winnie Madikizela-Mandela. O ne a nna bontlha jwa palamente kwa morago ka ditlhopho tsa 1994 ka Moranang, a nna modulasetilo wa komiti ya palamente ya botlhale go tswa ka 1996 go tsena 2001.

Go tlhatloga ga gagwe mo polotiking go ne ga ya kwa godimo ka nako ya fa Thabo Mbeki yo a neng a le gaufi thata le ene, e le tautona. Ka Morule 2001, o ne a tlhomiwa motlhokomedi wa palamente wa phathi e e busang, morago ga dikgwedi tse pedi o ne a nna mothusa tona wa tsa magae ka fa tlase ga ga Mangosuthu Buthelezi. O berekile e le mothusa tona go fitlhelela ka ditlhopho tsa  Moranang 2004, a sena go nna bontlha jwa palamente ya ga Mbeki e le tona mo lephateng le a neng a ntse a le mo go lone. Ka nako eo gape e ne e le tautona wa lekgotla la bomme ba ANC go tswa ka Phatwe 2003 go tsena Phukwi 2008.

Morago ga ditlhopho tsa Moranang 2009, tautona Jacob Zuma o ne a mo fudusetsa kwa lephateng le sele, e le tona wa dikgolegelo, kwa a berekileng go fitlhelela a tlhomiwa tona wa tshireletso le masole a pele ka Seetebosigo 2012. O ne a nna mo maemong ao le ka puso ya ga tautona Cyril Ramaphosa, a nna mo go one dingwaga di ka nna borobabongwe. O ne a rolwa marapo mo palamenteng ya ga Ramaphosa ka Phatwe a le malatsi a matlhano ngwaga wa 2021 morago ga dikgoberego tsa selegae, a tlhophiwa motsamaisa dipuisano tsa palamente ka Phatwe a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 2021.

Morago ga dingwaga di sa tshware boraro a le mo maemong a botsamaisa dipuisano tsa palamente, Mapisa-Nqakula o ne a ithola marapo ka Moranang a le malatsi a mararo ngwaga wa 2024, ka nako e go neng go na le dipelaelo tsa go sekasekiwa ke mosekaseki mogolo wa lefatshe. Letsatsi le le laetelang, o ne a lebisiwa molato wa tshenyetso setshaba le go dirisetsa madi ditsela tse di sa tlhamalalang, a supiwa ka monwana go bo a amogetse madi ka mokunyata fa a santse e le tona wa tshireletso. O ne a gololwa a emela tsheko kwa ntle.

Botshelo jwa a le mmotlana le pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

A tshotswe ka Ngwanatsele a le lesome le boraro ngwaga wa 1956 kwa Kapa,[1] Mapisa-Nqaluka o goletse kwa Kapa Botlhaba mo lolwapeng lo lo wetseng dibete.[2] O alogile ka matric kwa Mount Arthue High School kwa Lady Frere a fetsa dithuto tsa borutabana kwa Bensonvale Teachers college.[1] Tiro ya gagwe ya ntlha e ne e le ya borutabana, morago a bereka mo lephateng la tlhabololo banana; ke mongwe wa maloko a ntlha a lekgotla la babereki ba mo malwapeng la kwa East London ka 1982.[3]

Go lwela ditshwanelo kgatlhanong le puso ya tlhaolele

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1984, ene le monna wa gagwe Charles Nqakula[4] ba ne ba tswa kwa Aforika Borwa go tshaba le lekgotla le le neng le le kgatlhanong le puso ya tlhaolele, ba katisediwa sesole le Umkhonto we Sizwe kwa Angola le Soviet Union. O ne a fetsa dingwaga tse thataro tse di latelang a tshabile a le kwa dikampeng tsa sepolotiki le sesole tsa African National Congress (ANC), a simolola ka maemo a kwa Soviet Union ka 1985, morago a emela lekgotla la basadi la ANC kwa lekgotleng la basadi ba Aforika go tswa ka 1988 go tsena 1990.[1][2]

Ka 1990, morago ga gore ANC e seka ya kganelwa ke puso ya tlhaolelel go buisana ka go emisa tlhaolele, Mapisa-Nqakula o ne a boela Aforika Borwa ka kopo ya phathi go thusa go aga sesha.[1] O bereketse lekgotla le lesha la basadi ba ANC (ANCWL) e le morulaganyi, a tlhophiwa e le elloko la komiti kgolo ka 1990.[2][3] Ka Morule 1993, kwa bokopanong jwa ANCWL jwa bobedi fa e sale e agiwa sesha, o ne a tlhophiwa go tlhatlhama Baleka Mbete e le mokwaledi mogolo wa ANCWL, a bereka ka fa tlase ga ga Winnie Madikizela-Mandela.[5] O nnile mo ofising eo go fitlhelela a tlhatlhamiwa ke Bathabile Dlamini ka 1997[6], le ntswa e ne e le leloko la baeteledipele ba le lesome le motso ba ba ithotseng marapo mo diofising tsa bone ka Tlhakole 1995, ka ba ne ba sa batle ketelelo pele ya ga Winnie Madikizela-Mandela.[7][8]

  1. 1 2 3 4 "Nosiviwe Noluthando Mapisa-Nqakula, Ms". South African Government. Retrieved 20 November 2025
  2. 1 2 3 Orford, Margie (2006). Life and Soul: Portraits of Women who Move South Africa. Juta and Company Ltd. p. 154. ISBN 978-1-77013-043-2.
  3. 1 2 "Minister of Defence and Military Veterans: Nosiviwe Noluthando Mapisa-Nqakula". South African Government Information. 13 June 2012. Archived from the original on 19 July 2012. Retrieved 20 November 2025
  4. "Cracking the ANC whip". The Mail & Guardian. 2002. Retrieved 20 November 2025
  5. 'For Freedom and Equality': Celebrating Women in South African History (PDF). South African History Online. 2011. p. 26.
  6. "Knives out in women's league". The Mail & Guardian. 22 August 2003. Retrieved 20 November 2025
  7. "Mandela Can't Persuade ANC Women Not to Quit in Dispute". SFGate. 13 February 1995. Retrieved 20 November 2025.
  8. "ANC 'intervenes' in Malema ex-ANCWL 'sellout' allegations". The Mail & Guardian. 17 April 2018. Retrieved 20 November 2025