Jump to content

Nothando Vilakazi

Go tswa ko Wikipedia
Nothando Vilakazi
Vilakazi at the 2016 Olympics
Motshameki wa kgwele ya dinao
Letsatsi la tsalo (1988-10-28) 28 October 1988 (age 38)
Lefelo la tsalo Middelburg, South Africa
Bolele 160 cm (5 ft 3 in)
Maemo Defender
Club information
Current team
TS Galaxy Queens
Number 11
Tiro ya gagwe*
Dingwaga Setlhopha Metsh (Dinno)
– Moroka Swallows
– Palace Super Falcons
2019 Gintra Universitetas 3 (3)
2020–2021 Logroño 6 (0)
2021-2023 TUT Matsatsantsa Ladies F.C.
2023- TS Galaxy Queens 1 (0)
Setlhopha sa setshaba
2007– South Africa 133[1] (7)
*Metshameko ya gagwe le dinno, correct as of 27 June 2021

Nothando "Vivo" Vilakazi (yo o tshotsweng ka Phalane a le masome mabedi le boferabobedi 1988) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa Aforika Borwa yo o tshamekang e le motshwaradino wa setlhopha sa TS Galaxy Queens le setlhopha sa bosetšhaba sa basadi sa Aforika Borwa.

Botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Nothando Vilakazi o tsholetswe kwa Middelburg, Aforika Borwa, ka Phalane a le masome a mabedi le boferabobedi ka 1988.[2] O ne a tshamekela setlhopha sa basimane a le dingwaga tse di fa gare ga boferabongwe le tse di lesome le bone, fa a ne a simolola go tshamekela basetsana.[3] Fa a le dingwaga di le lesome le bosupa, o ne a simolola go tshamekela setlhopha sa Highlanders mo Liking ya Sasol.[3] O weditse dithuto tsa gagwe kwa Sekolong se Segolo sa TuksSport, se se amanang le Senthara ya Tiragatso e e Kwa Godimo ya Yunibesithi ya Pretoria, e a neng a e tlhophelwa fa a ne a emetse Mpumalanga kwa kgaisanong.[4]

Vilakazi o ne a tshamekela Palace Super Falcons, a kile a tshamekela Moroka Swallows. Mo mererong ya kgwele ya dinao, o bidiwa "Vivo".[2]

Boditšhabatšhaba

[fetola | Fetola Motswedi]

Vilakazi o ne a bidiwa lekgetlho la ntlha ke setlhopha sa bosetšhaba sa kgwele ya dinao sa basadi sa Aforika Borwa kgatlhanong le Ghana ka 2007 mme a se ka a tshameka.[2] O ne a tshameka lekgetlho la ntlha la boditšhabatšhaba ka Phatwe a le some, 2008 kgatlhanong le Netherlands. Vilakazi e ntse e le karolo ya ka metlha ya setlhopha ka ba ne ba katisiwa ke Vera Pauw.[5] Vilakazi e ne e le karolo ya setlhopha se se neng se le mo maemong a bobedi mo Dikgaisanong tsa Basadi ba Aforika tsa 2012.[2]

Jaaka karolo ya setlhopha sa Aforika Borwa, o tshamekile kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa 2012 kwa Lontone, kwa United Kingdom, le kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa 2016 kwa Rio de Janeiro, kwa Brazil.[6] O tshamekile mo metshamekong yotlhe e merataro ya Aforika Borwa kwa kgaisanong ya 2016.[2] Vilakazi o tsweletse go tshameka mo ditlhopheng tsa setšhaba morago ga go fetogela kwa bokatising jwa ga Desiree Ellis morago ga Diolimpiki.[7]

  1. ↑ "50 caps up for Banyana Banyana's Andile Dlamini". safa.net. 3 March 2020.
  2. 1 2 3 4 5 "Nothando "Vivo" Vilakazi". Sasol in Sport. Retrieved 27 Ngwanaatsele 2025.
  3. 1 2 "Banyana Banyana's Nothando Vilakazi reaches for the stars". SAFA.net. 22 May 2019.
  4. ↑ "Nothando Vilakazi's rocky road to stardom". New Frame. 8 November 2019.
  5. ↑ Ngid, Njabuto (28 July 2016). "She dreamt it, she's living it". IOL. Retrieved 27 Ngwanaatsele 2025.
  6. ↑ Isaacson, David (5 August 2016). "Banyana Banyana keep hope alive after Games opener loss". Herald Live. Retrieved 27 Ngwanaatsele 2025.
  7. ↑ "Desire Ellis opens up after first training session as Banyana Banyana head coach". KickOff. 18 October 2016. Retrieved 27 Ngwanaatsele 2025.