Jump to content

Nozipho Bhengu

Go tswa ko Wikipedia

Nozipho Bhengu (o o tshostweng ka 1974 a tlhokafala ka Motsheganong a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 2006) e ne e le mme wa mo Aforika Borwa o go tlhokafala ga gagwe mo go bakilweng ke bolwetsi jo bo tsamaelanang AIDS, go neng ga gakatsa manganga a gore AIDS e tshwarwa ka tsela e e ntseng jang kwa Aforika Borwa.Nozipho o ne a itsege kwa Aforika Borwa ka a ne a bua phatlalatsa ka bolwetsi jwa gagwe le go gana go tsaya kalafi ya AIDS, a itlhophela go dirisa kalafi ya tlholego.

Go lemogilwe fa a na le mogare wa HIV ka 1998, Nozipho Bhengu o ne a tsena mo kalafing ya tiriso ya diritibatsi tsa antiretrovirals go fitlhelela ka 2001. Ka nako eo o ne a gwetlhiwa ke tona wa botsogo Manto Tshabalala-Msimang le moitseanape a wa dijo Tine van der Maas gore diritibatsi di na le maduo a a kotsi, le gore go ka berekela seemo sa gagwe go leka dijo tsa surunamune le garlic. Tona wa botsogo o ne a inolwa re "ga ke iste ditlamorago dipe tse di sa siamang tsa go ja dijo tse di siameng". Mmaagwe Bhengu, Ruth Bhengu, e le wa semolao wa African National Congress o ne a bua ka ditumelo tsa ngwana wa gagwe mo mafokong a a neng a a bua kwa palamenteng. Morago ga mafoko ao, maiteko a ga Nozipho Bhengu a go alafa bolwetsi jwa gagwe e ne ya nna kitso phatlalatsa mo Aforika Borwa.[1]

Bhengu o tlhokafetse ka Motsheganong a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 2006.[2] Ka nako ya fa a tlhokafala o ne a kwala buka, From Victim to Victor, e e neng e bua ka maiphitlhelo a gagwe, mme ga e a ka ya fela. Fa a tlhokafala, letsholo la Treatment Action le ne la mo galaletsa ka go bua phatlalatsa ka bolwetsi jwa gagwe, mo letlhakoreng le lengwe ba re go ne go sa tshwanela gore o ka bo a tlhokafetse.

Manto Tshabala-Msimang o ne a laleditswe kwa phitlhong ya gagwe ka Motsheganong a le masome mabedi le bone. O ne a romela moemedi o a neng a goelelwa ke bangwe ba ba neng ba tseneletse phitlho.

  1. Bhengu family upset by 'insensitive' TAC 25 May 2006
  2. TAC statement on the death of Nozipho Bhengu 24 May 2006