Jump to content

Nthati Moshesh

Go tswa ko Wikipedia

Nthati Moshesh (o tshotswe ka kwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boferabobedi 1969) ke modiragatsi wa Aforika Borwa. O ne a tlhophiwa mo Africa Movie Academy Award for Best Actress in a Supporting Role ka 2016.

Fa a bua le ENCA ka dilo tse a di ratang tsa difilimi le tsa mo setshwantshong sa motshikinyego, o ne a tlhalosa fa a sa tshwaye diphoso ka ga setshwantsho sa motshikinyego se se dirisiwang, fa fela molaetsa o fetisiwa. O tshamekile mo series tsa Soldier Soldier le Home Affairs le TV mini-series Human Cargo.Le fa go ntse jalo, o ne a bolela gore difilimi di tlhoka botswerere jo bo oketsegileng, mme o rata botegeniki jo bo tlang le tsone.[1]

Ka 2014, go ne ga begwa gore ke mongwe wa batshameki ba Saint and Sinners soap, se se gasiwang mo Mzansi Magic.[2] Ka 2015, o ne a tshameka mo Ayanda, e e neng ya bula 36th Durban International Film Festival.[3]Gape o ne a tlhophiwa la ntlha go nna modiragatsi yo o gaisang wa AMAA ka ntlha ya seabe sa gagwe mo filiming eno.[4] Ka 2016, o ne a gapa seetsele sa bodiragatsi yo o gaisang mo karolong e e eteletseng pele kwa 2016 South African Film and Television Awards.[5]

Mo article ya Moranang ya 2019, o bua ka mathata a gagwe mo ngwageng o o fetileng a sa bereke dikgwedi di le borobabobedi, mme jaanong o boetse mo motshamekong jaaka moeteledipele wa setlhopha sa bodumedi se se senang sepe, Masabatha, on hit prison drama, Lockdown.[6]

Difilimi tse di Tlhophilweng

[fetola | Fetola Motswedi]

Mananeo a a Tlhophilweng

[fetola | Fetola Motswedi]

BOTSHELO JWA GAGWE

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga loso lwa modiragatsi ka ene, Mary Makgatho, o ne a amogela ditlamorago ka modiragatsi mo industry.[7]Go begwa e le mongwe wa dialogane tsa ntlha tsa batho-bantsho tsa Performing Arts go tswa kwa Technikon Natal. Ke rakgadi wa bobedi Lindsay Moshesh-Van Der Byl, sebui sa tlhotlheletso se se fentseng sealogane e le mokwadi wa dipina le seopedi sa Moneoa Moshesh.

  1. "It's not about you, but what you represent' - Nthati Moshesh". ENCA. 16 August 2013. Retrieved 12 November 2017.
  2. BULELWA, DAYIMANI (7 August 2014). "My acting career's been revived". destinyconnect.com. Retrieved 12 November 2017.
  3. "Movie starring OC Ukeje to open Durban Film Festival". Pulse Nigeria. 8 June 2015. Retrieved 12 November 2017.
  4. "AMAA 2016: Adesua Etomi, OC Ukeje set to make history again". Vanguard. Lagos, Nigeria. 20 May 2016. Retrieved 12 November 2017.
  5. "Local film and TV stars celebrated at Saftas". Citizen. 20 March 2016. Retrieved 12 November 2017.
  6. "Nthati Moshesh on being broke: 'I was relying on my family for handouts'". TimesLIVE.
  7. "Nthati Moshesh pays tribute to Mary Makgatho". Channel 24. Retrieved 12 November 2017.

Dikgolagano tsa kwa Ntle

[fetola | Fetola Motswedi]