Ntlo ya peeletso ya lefatshe la Botswana

Go tswa ko Wikipedia
National Archives of Botswana  ke ntlo ya  peeletso  ya lefatshe la  Botswana. Ba beile dithoto do ka tshwara 20,000 mme ebile gape diofisi tse dikgolo di kwa  Gaborone.[1]

Botswana National Archives and Records Services ke lekalana la puso le le simolodisitsweng ka molao motheo wa National Archives Act of 1978, yo o simolodisitsweng ka ngwaga wa 2007. Maitlamo a lephata le ke go beeletso kitso le go e tshwara ka mantlhotlho; le gone go baya sentle kitso ya lefatshe la Botswana.

Kitso ka kakaretso[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo le le beeletsa tsotlhe dikitso tse di tlhokang tshomarelo e e rileng gore dikokomane tse di tla tlang di kgone go anywa botsipa le gone go tlhaloganya ka tse di neg di diragala bogologolo.Ntlo ya peeletso e tshwana fela le lefelo le le tshegetsang difikantswe tsa lefatshe la Botswana,pharologanyo fela ke gore le lengwe le tshegetsa difikantswe fa le lengwe le tshegetsa kitso le ditlhoto tse di faphegileng.Bontsi jwa bajanala le bone bana ba sekolo tota ba rata go etela Ntlo ya peeletso ka e ba fa se ba se tlhokang,le gone go itse ka ka lefatshe la Botswana

Tlhaloso ka ditirelo[fetola | Fetola Motswedi]

Molao motheo wa National Archiveso tlhalosa gore tsotlhe dikitso tse di fetlang dingwaga tse di masome a mabedi di letlelelwa go bonwa ke setshaba. Kitso e e beeleditsweng e botlhokwa ebile e ngwe ke ya lefatshe la Botswana. Go nale e e botlhokwa le go fetla e e buang ka boswa jwa lefatshe la Botswana,ebile go setse malebelanyana fela a le sekae. Ka jalo setshaba fa se etletse kwa diofising ba gakololwa go tshwara dithotho tse di beeleditsweng ka tshomarelo go itsa gore di seka tsa senyegela pele.Go bona kitso e yotlhe go nale motlhale yo o dirisiwang ke setshaba fa ba batla go tla go bona. Fa motho a batla go etlela lefelo le,o tshwanetse go tlatsa pampiri e a e fiwang. Go bona dithoto le kitso mo lefelong le ga go kganelwe ebile ke mahala.

Melawana ya kobamele fa o le mo ntlong ya peeletso[fetola | Fetola Motswedi]

Melawana e e latlelang e dirisiwa ke batho ba ba etlelang lefelo le.

  1. Ga gona pampiri epe e tswang ka lebatli la ntlo.
  2. Tsotlhe dipampiri di lebelwa mo ntlong ya peeletso.
  3. Baeti botlhe ba tlamiwa go tlatsa pampiri e e fa kgorong ya lebatli ka nako tsotlhe fa ba tsena mo ntlong.
  4. Go ja,go goga motsoko le gone go tlamuka dithoto ga go letlelelwe..
  5. Motho ga a letlelelwe go ntsha sepe kgotsa go tshwara sepe a sa fiwa teta.
  6. Dibeke tsotlhe ga di letlelelwe go tsena mo ntlong ya peeletso.
  7. Go ithutela mo dibukaneng tse di faphegileng tsa lokwala ga go letlelelwe.
  8. Modirisi o gakololwa go tlogela sepe se a neng a se dirisa fa a neng a se dirisetsa teng.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana

Dipadi tse dingwe.[fetola | Fetola Motswedi]

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Palo ya mafelo a dipeeletso