Jump to content

Ntwa ya Amba Alagi (1895)

Go tswa ko Wikipedia

Ntwa ya Amba Alagi e ne e le ya ntlha mo motseletseleng wa dintwa gareng ga Ramasole wa Italy Baratieri le Kgosikgolo ya Ethiopia Menelik ka ntwa ya ntlha ya Italy le Ethiopia. Amba Alagi e ne e le mangwe a maemo a a kwa pele a ga Baratieri; a ne a le ka fa tlase ga taolo ya ga Meja Toselli ka masole a Eritrea a le dikete di le pedi. Ka kgwedi ya Morule e le malatsi a supa ngwaga wa 1895, Ras Makonnen, Fitawrari Gebeyehu le Ras Mengesha Yohannes ba ne ba laola tlhaselo ya mophato o o kwa pele wa ga Menelik o o neng o nyeleditse masole a Italy wa bo wa bolaya Meja Toselli.

Masole a Ethiopia a ne a tlhasela masole a Eritrea a a sa tlwaelesegang a le makgolo a mararo, le masome a matlhano kwa molemeng wa mophato, ba ba neng ba phutlhama mo tlhaselong ya Ethiopia, se sa baka gore Toselli a romele dikompone tse pedi tsa sesole sa Italy ba ba neng ba kganela sesole sa Ethiopia.[1] Fela jaaka Toselli a ne a santse a ipelela se se neng se lebega e le phenyo ya gagwe, tlhaselo ya Ethiopia e ne ya tla mo mophatong wa gagwe o o kwa mojeng, se sa baka gore Toselli a laele masole a gagwe go ikgogela morago. Ramasole o kgosikgolo a neng a mo rata thata Ras Makonnen, o ne a gapile tsela e e yang kwa Eritrea, a tlhasela go sa solofelwa, se sa baka go bolaya masole a Italy.[1] Masole a Ethiopia a ne a gobaditse a Italy thata, ba ne ba latlhegetswe ke ma ofisara a le lesome le borobabongwe (ba akaretsa Meja Toselli), masole a le masome mabedi a maemo a mangwe, le masole a a nnang kwa pele mo tlhaselong a le sekete le makgolo a matlhano, fa ma ofisara a le mararo le ba ba lwang kwa pele ba le makgolo a mararo ba ne ba gobaditswe.[2]

Le fa go ntse jalo, phenyo ya Ethiopia kwa Amba Alagi e ne e na le bomolemo mo go Baratieri. Palamente ya ga tona kgolo Crispi e e neng e gakgametse e ne ya dumalana go ntsha madi a a kanang ka didikadike di le masome mabedi a di lire kgotsa diponto di le dikete di le masome a robabobedi go netefatsa gore dipetso di ka emisiwa.[3] Madi a a ne a letla petso e kgolo ya Italy kwa ntweng ya Adwa, mo go neng ga emisa maano a Italy a go gapa Ethiopia.

  1. 1 2 Perry, James (2005). Arrogant Armies. Castle Books. p. 207.
  2. Mclachlan, Sean (20 September 2011). Armies of the Adowa Campaign 1896. p. 22. ISBN 978-1-84908-457-4.
  3. Thomas Pakenham, The Scramble for Africa, (London: Abacus, 1992) p. 477