Jump to content

Ntwa ya Waterberg

Go tswa ko Wikipedia

Ntwa ya Waterberg (kgotsa ya Ohamakari)[1] e diragetse ka Phatwe a le lesome le motso ngwaga wa 1904, kwa Waterberg, kwa koloneng ya Jeremane ya South West Africa (kwa e leng Namibia gompieno), ke yone ntwa e e atlhotseng letsholo la ma Jeremane kgatlhanong le BaHerero.

Mephato ya sesole

[fetola | Fetola Motswedi]

Sesole sa Jeremane se ne se le mo taolong ya ga Lieutenant General Lothar von Trotha, se na le batho ba ka nna sekete le makgolo a matlhano.[2][3] Ba ne ba tshotse dibetsa tsa sesha di ka nna sekete, makgolo a maratari, masome a mabedi le botlhano, marumo a le masome a mararo le ditlhobolo di le lesome le bone.

BaHerero ba ne ba le mo taolong ya ga Samuel Maharero, ba solofetse go buisana ka kagiso ba ne ba tsile ka masole a le dikete tharo le makgolo a matlhano go tsena kwa diketeng di le thataro tsa masole le ba malwapa a bone.[2][3] Palo yotlhe ya BaHerero mo kgaolong eo e akanyediwa kwa palong ya dikete di le masome mabedi le botlhano go ya kwa diketeng di le masome a matlhano. Bangwe ba bone ba ne ba tshotse dibetsa tsa setso tse di bidiwang kirri.

Dipaakanyo tsa ntwa

[fetola | Fetola Motswedi]
Maemo le lenaneo la ma Jeremane ka letsatsi pele ga ntwa

Go tswa ka tshimologo ya dintwa tsa BaHerero ka Firikgong ngwaga wa 1904 go fitlha ka Seetebosigo a le lesome le motso ngwaga wa 1904, maiteko a sesole sa Jeremane a ne a eteletswe pele ke Theodor Leutwein.[4] Leutwein o ne a kopanya molao wa kgatelelo ya sesole mo puisanong ya bone le BaHerero go buisana ka kemiso ya dintwa. Ma Jeremane ba ne ba atlega mo go tsa sesole mo ditlhaselong tse dipotlana pele ga ba gatelela BaHerero kwa lefelong la Waterberg. Le fa go ntse jalo, babusi ba ne ba beeletsa Leutwein ka Lothar von Trotha, ba solofetse gore Trotha o tlaa fedisa tsuologo ka katlego ya sesole.

Setlhaba sa Waterberg kwa BaHerero ba neng ba le teng go ne go le dikhilomithara di le lekgolo kwa botlhaba jwa motsweding wa didirisiwa tsa ma Jeremane, ka jalo Trotha o feditse dikgwedi di ka nna tharo (Seetebosigo, Phukwi le bontlha jwa Phatwe) a romela masole le didirisiwa ka dikolotsana tsa dikgomo kwa lefelong le ntwa e neng e solofetswe go tshwarelwa teng. Ka nako eo BaHerero ba ne ba solofetse banna ba le dikete di le masome a marataro, basadi le bana ka palo e e lekanang ya dikgomo fa ba santse ba letile ma Jeremane.

Letsatsi pele ga ntwa, ma Jeremane kwa Waterberg ba ne ba rulagnngwa ka ditsela di le thataro:[5]

  • Lieutenat wa ntlha Richard Dietrich Volkman - kwa bokone gaufi le Otjenga
  • Major Ludwig von Estorf - kwa botlhaba gaufi le Okomiparum
  • Major Hermann von der Heyde - kwa borwabotlhaba gaufi le Hamakari
  • Lieutenant Colonel Karl Max Mueller - gaufi le Ombuatjipiro
  • Colonel Berthold Deimling - kwa bophiirma gaufi le Okateitei
  • Captain von Fiedler - kwa borwabophirima gaufi le thaba ya Osondjache

Diofisikgolo tsa ga Trotha, di eteletswe pele ke moetledipele wa babereki Colonel Martin Chales de Beaulieu, e ne e le kwa borwa gaufi le maemo a ga Mueller.

  1. Term used by Herero people: ovita yOhamakari - Larissa Förster: Postkoloniale Erinnerungslandschaften, p. 125 (Campus Verlag, Frankfurt, 2010)
  2. 1 2 Irwing, Keith, ed. (2013). "Battle of Waterberg - 11 August 1904 - Pt 1". Namibia-1on1. Archived from the original on 16 October 2018. Retrieved 07 October 2025.
  3. 1 2 Irwing, Keith, ed. (2013). "Battle of Waterberg Pt 2 - 12 August 1904". Namibia-1on1. Archived from the original on 16 September 2018. Retrieved 07 October 2025.
  4. This summary is taken from Isabel V. Hull, Absolute Destruction: Military Culture and The Practices of War in Imperial Germany (Ithaca: Cornell University Press, 2005), Chapter 1.
  5. German General Staff, Historical Department I, ed. (1906). Die Kämpfe der deutschen Truppen in Südwestafrika Band I - Der Feldzug gegen die Hereros (in German). Berlin: E.S. Mittler & Sohn. pp. 156–157.