Jump to content

Ntwa ya boipuso ya Mozambique

Go tswa ko Wikipedia

Ntwa ya boipuso ya lefatshe la Mozambique[1] ke kgotlhang ya dibetsa gareng ga sesole sa ditsuolodi sa Mozambique Liberation Front (FRELIMO) le lefatshe la Portugal. Ntwa e e simologile smmuso ka Lwetse a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 1964, ya fela ka lwetse a le malatsi a robabobedi ngwaga wa 1974, e baka puisano ya boipuso ka ngwaga wa 1975.

Dintwa tsa Portugal kgatlhanong le balwantwa ba ditsuolodi ba ba neng ba batla boipuso mo dikgaolong tsa bone tsa Aforika tse di nang le dingwaga di le makgolo a mane, di simologile ka ngwaga wa 1961 kwa Angola. Kwa Mozambique, kgotlhang e ne ya simolola ka ngwaga wa 1964, e le ka ntlha ya go tlhoka go iketla mo bathong ba Mozambique, ba ba neng ba bona molao wa mafatshe a sele e le go tsuololwa le go sa tshwarwe sentle, mo go neng go bereka go atolosa itsholelo ya batho ba Portugal mo kgaolong. Bontsi jwa batho ba Mozambique ba ne ba sa rate melao ya Portugal mo bathong ba mo gae, mo go neng a baka tlhaolele le go sa bone dithuto le tiro.

Jaaka metsamao ya maikaelelo e e atlegileng e ne e anama le Aforika morago ga ntwa ya bobedi ya mafatshe, batho ba Mozambique ba le bantsi ba ne ba simolola go nna le tebelopele ka bosetšhaba, ebile ba šhakgadiwa ke go nna kwa ga mothakga ga puso mo molaong wa mafatshe a sele. Mo letlhakoreng le lengwe, ma Aforika a le mantsi a a neng a amega mo go rulaganngweng ga Portuguese Mozambique, bogolo jang ba ba nnang kwa ditoropong, ba ne ba tsibogela magatwe a boipuso ka maikutlo a a tlhakatlhakaneng a pelaelo le go tlhoka go kgotsofala. Beng gae ba ma Potokisi ba kgaolo eo, ba ne ba tsiboga ka go nna teng ga masole ba oketesegile le tlhabololo e e bofefo.

  1. (Portuguese: Guerra da Independência de Moçambique, 'War of Independence of Mozambique')