Jump to content

Ntwa ya bokolone ya Portugal

Go tswa ko Wikipedia

Ntwa ya Sepotokisi ya bokolone, e e itseweng gape kwa Portugal e le ntwa ya kwa moseja, kgotsa mo dikoloneng tsa pele e le ntwa ya kgololesego, e itsege gape e le ntwa ya boipuso ya Angola, Guinea Bissau le Mozambique, ke kgotlhang ya dingwaga di le lesome le boraro e e lolweng ke sesole sa Portugal le makgotla a tlhagang a bosetšhaba mo dikoloneng tsa Portugal tsa Aforika go tswa ka ngwaga wa 1961 go tsena 1974. Puso ya Portugal ya nako eo ya Estado Novo, e ne ya thankgola ke sesole ka ngwaga wa 1974, mme phetogo ya puso ya fedisa kgotlhang. Ntwa e e ne e le kgaratlho kwa Lusophone Aforika, mafatshe a a mabapi le la Portugal.

Mokgwa wa ditso tsa Portugal o leba ntwa e, jaaka e ne e bonwa ka nako ya bogologolo - e le ntwa e nngwefela e lolwe mo mafelong a mararo, Angola, Guinea-Bissau le Mozambique, eseng dintwa tse di farologaneng, ka mafatshe a Aforika a ne a thusana gape a engwa nokeng ke babusi ba ba tshwanang le lekgotla la United Nations ka nako ya ntwa. Melao wa 1954 wa Dadra le Nagar le wa 1961 wa Goa gantsi e akarediwa e le bontlha jwa ntwa.

Bogosi jwa Portugal jwa Estado Novo ga bo a ka jwa ikgogela morago mo dikoloneng tsa lone tsa Aforika jaaka mafatshe a Yuropa a ne a dira ka dingwaga tsa 1950 le 1960. Ka dingwaga tsa 1960, makgotla a boipuso a a farologaneng a ne a bonagala, makgotla a, a akaretsa - People's Movement for the Liberation of Angola, National Font of Angola, National Union for the Total Independence of Angola kwa Angola, African party for the Independence of Guinea and Cape Verde kwa Portuguese Guinea, le Mozambique Liberation Front kwa Mozambique. Ka nako ya ntwa e, dipogisego di ne di dirwa ke botlhe ba ba neng ba tsaya karolo.[1]

Ka nako e, lefatshe la Portugal le ne la itemogela dikganetso, dikiletso le go kgaoganngwa didirisiqa mo go neng go dirwa ke mafatshe asele,a akaretsa dipuso tsa Western Bloc, ka nakwana kgotsa gangwe le gape.[2]

Bofelelo jwa ntwa bo tsile ka thankgolo Moranang ngwaga wa 1974 ya sesole sa Carnation.

  1. "Portugal: Kolonien auf Zeit?". Der Spiegel (in German). August 13, 1973.
  2. Consideration of Questions Under The Council's Responsibility For The Maintenance of International Peace and Security (PDF). Vol. 8. United Nations. pp. 113, 170–72.